Guinea Grass
Mphaga

Leina

Mphaga

Leina La Se-Latin

Panicum maximum

Ditiriso

Mphaga e katswa e le tlhaga ya phulô e e boleng go gaisa mo dikarolong tse e leng kwa go tsona. E tota e jega, e na le ntshô e e kwa godimo ya matlhare mme e mela ka bontsi mo nageng e e siameng. Ditlhogwana tsa sethunya di rategile thata go dinonyane tse di jang peo.

Thanololo

Mphaga ke motshela-sebaka wa lelêdu ka magare a letlhare a 30mm. Thunya-kakaretso ke ngatana e e repileng e e bulegileng. Tlhaga e jega thata mme e ratiwa ke dija-dimela tsotlhe tse di fulang. Ditlhogwana tsa sethunya di mmala o motala go ya go phepole (phepole segolo fa tlhaga e golela mo letsatsing). Mphaga o dula o le tala go fitlha thari mo marigeng. O tlhôlega mo Afrika, fela gompieno o kwa dikarolong tsotlhe tsa tropical mo lefatsheng.

Tulo

Mphaga o fitlhelwa kwa mafelong a a bongôla a mmu o ô nônneng, segolo thata ka fa tlase ga meriti ya ditlhare tse di ikadileng le dinoka. O dirisa gape maemô a a farologaneng a go mela.

Thunyô

Lwetse – Mopitlwe mo Afrika Borwa

Dintlha Tlhagiso

Mphaga o itsagale ka maina a le mmalwa go ralala Afrika a a akaretsang Tanganyika Grass le Buffalo Grass. Ke tlhaga ya furu e e boleng go diruiwa, fela go dumelwa fa e baka malwetse a a rileng ka fa tlase ga maemô a bosa a a rileng.