Gotswa Robben Island Go Boela Cape Town

Tselana ya Bôrôtô ya Logong

©Roger de la Harpe
Baeti ba letleletswe go salana morago go feta ntlwana-fitshwana go tsaya ditshwantshô, fela ditshwantshô ga di kgone go tlhalosa pitlagano ya ntlwana-fitshwana. Go bua nnete, go thata go tlhaloganya ka fao mongwe a ka tswang mo lefelong le le pitlaganeng leno ka pelo e e bulegileng. Ênê (le bagolegwa ba bangwe) ba fa bokao jwa nnete jwa mowa o o sa fenngweng wa Afrika Borwa, mme re lesego thata gore ba tswile mo kgolegelong ka ponelopele e ntle. Mme gape go a kgatlhisa go lemoga fa bontsi jwa baeteledipele ba sepolotiki ba Afrika Borwa ya temokrasi ba tswile mo kgolegelong go tsena mo palamenteng, gona le gore ba tswe mo palamenteng go ya kgolegelong.
Morago ga loeto lo lo sedumedi go ya kwa Ntlwana-fitshwana, baeti ba ntshwa mo kgolegelong ke mokaedi wa bona mme ba busetswe morago go ya kwa boemela-kepe, kwa ba tshwarang teng sekepe go boela kwa Cape Town. Mo nakong e khutshwane e o santseng o na le yona, o ka šebašeba ka mo lebenkeleng le le gaufi la boemela-kepe, kgotsa o ka tsaya mosepele o o itlhaganetseng mo tselaneng ya bôrôtô ya logong, eo e rebolang go lebelela diphinkwini tse di tshamekelang fa losing lwa boemela-kepe.
Loeto lwa sekepe go boela Cape Town le gopolega jaaka loeto lwa go ya kwa setlhaketlhakeng. Gape ke nako e e siameng ya go dula fatshe le go šebisisa. Batho ka go fapaana ba tlile go nna le ditsibogo tse di farologaneng ka ga nako ya bona mo Robben Island. Bangwe ba ka akanya thata ka maitemogêlô a bona, bangwe ba tlile go itumelela gore botswasetlhabelo jwa mogolegwa bo atlenegesitswe ke bokhutlô jo bo monate. Mme go na le bao ba tlileng go inwela bojalwa le go nagana ka gore ba tla ja kae dijo tsa maitseboa.

Loeto Lo Lo Maikutlô Thata

©Roger de la Harpe
Fela, go sa kgathalasege tsibogo ya gago ya loeto lwa Robben Island, e sala e le loeto lo lo botlhokwa lo lo tshwanelwang ke go tsewa ke maAfrika-Borwa otlhe, le baagi botlhe ba lefatshe. Le fa o ngokelwa fela ke tumo ya ga Mandela, leka go amogela maitemogêlô otlhe a lona. Ke loeto lo lo maikutlô thata, mme baeti ba le mmalwa ba nnile le go tlhaselwa ke pelo fa ba ne ba etetse setlhaketlhake. Fao o sena go boela kwa Waterfront, menate ya Cape Town e go bitsa gape, le diphenyo tsa Afrika Borwa e e gololosegileng ke tsa gago go di thopa. Fela, pele o ka bina mo leseding la temokrasi ya rona ya ga jaana, gopola tse di fetileng.
Le fa gone go raêletsa go lebala ka histori ya rona e e botlhoko le go tsepamisa kakanyo fela mo bokhutlong jo bo monate jo re bo itumelelang ga jaana, seno e ka nna phoso e kgolo thata. Ke fela fa re gopola kgang e telele e e dipogo ya Robben Island fa re tlileng go netefatsa fa dithuto, tse di dueletsweng ka madi a batho ba ba senang molato, di tla fetisetswa go tshika e e latelang. Mme ka metlha a re gopoleng mafoko a le mabedi a a botlhokwa a a kwadilweng mo pêtlông ya sešeng e e emeng fa monyakong wa Dachau le dikampa tse dingwe tsa Nazi: Plus Jamais – Le Eseng Gape.

Translated by Nchema Rapoo