Go bona matshwenyego a dikgogo – Methapo kutlo

© Chris Daly

Kwa ntle ga go dirisa matlho a bone, bo rapolase ba tshwanetswe go dirisa methapo otlhe ya kutlo go ka bona matshwenyego a dikgogo mme ba tseye dikgato ka bonako.

Dirisa Matlho a gago

O tlhwae tsebe mme o reetse dikgogo. Ga o ka utlwa di lela (continous chirping) di sa kgaotse, itse gore go na le mathata. Go ka tswa go na le phologolo e e batlang go ditlhasela, jaaka mankgodi kgotsa noga. Ka nako eo o tla di bona di kgaratlha mme di leka go iphitlha le ditsuenyana tsa tsone.
Tlhwaya tsebe go utlwa ga di ethimola, go gotlhola, le go hema go go bokete, se se ka go belelela gore di na le bothata ha go hema, kgotsa toxic ammonia kgotsa ke ditlamorago tsa mokento o o tlabeng o difile one.

Dirisa nko ya gago

Fa e le gore o palelwa ke go ema ka fa gare ga ontlo ya dikgogo ka lebaka la monkgo oo maswe, itse gore dikgogo le tsone ga di rate. O ise nko ya gago kwa tlase kwa dikgogo dileng kwa teng mme o heme mowa wa foo. Mowa oo leng mo dikgogo di hemang teng o tshwanetswe ke go nna phepa ebile go seka ga nna le serame se se ka fitlhelelang dikgogo. Lerole le lentsi le tla kgoreletsa gohema ga tsone, mme e ka nna le bacteria ya Escherichia ee ka bakang malwetse a mangwe mo go tsone. Ga mowa o nkga maswe, seo e ka nna sekao sa gore ga di bone phefo ee lekaneng, ntlo ya tsone e tlhoka phepafatso go ntsha mantle a tsone(litter), le gore metsi aa phepa aa tlhokagala. Monkgo oo maswe o ka baka mathata a letlalo, le go tshwenya matlho.
Itse gore ka nako e o tla bong o nkga ammonia mo moweng, e tla bo e setse e gobaditse kgokgotso (upper Respitory Tract) ya dikgogo mme o tshwanetswe ke go tsaya dikgato ka bonako. Ditsuenyane di amega go feta dikgogo.

Dirisa molomo wa gago

Nkga le go latswa dijo le metsi a diphologolo. Dikgamelo tsa metsi le metsi a tsone di tshwanetswe ke go nna phepa gore le wena o kgone go nwa metsi mogo tsone. Seo se akaretse le dijo. Metsi ga a tshwanna go nna le chlorine ee kwa godimo ka seo se ka kgoreletsa dikgogo go nwa metsi ao mme tsa nna le mathata a di philo (kidney problems). Dijo tse dinkgang bongola di ka tswa di na le di-mycotoxin mme seo se ka baka malwetse mme dikgogo di palelwe ke go nona sentle. Letswai le lentsi mo dijo le ka dira gore dikgogo ditsolle. Gopola gape gore dijo tse dintseng sebaka di latlhegelwa ke dikotla tsa tsone.

Dirisa mabogo a gago

O leke go tlhatlhoba mantle a tsone ka go a tshwara ka mabogo, mme fa o ka utlwa a le metsi kgotsa bongola, kgotsa a tiile mme a le legwata go na le bathata ba bookamedi ba mantle mme seo se ka baka malwetse kgotsa dikgobalo.
Le tsne dikgogo, o ka di tlhtlhoba ka go e kuka mme o leke go utlwa mesifa ee aparetseng marapo a sefuba. Ga e itekanetse o tla utlwa mesifa e aparetse marapo sentle. Fa e koafetse, o tla utlwa marapo a sena mesifa. Seo se tla go itsese gore a e je dijo sentle mme e a ota.

Translated by Ikalafeng Maedi