Gazania
Tshikitlane

© David Fleminger
Terracotta Gazania.

Leina

Terracotta Gazania/Tshikitlane

Leina La Se-Latin

Gazania krebsiana

Thanololo

Semela seno se mela ka go rapalela le boalofatshe mme se lebega o kare ke kôlô e nnye ya letsatsi mo sekgweng. Se gola go fitlha go boleele jwa 100mm. Matlhare a boleele jwa 50mm mme fa godimo a mmala wa botala jo bo tseneletseng fa kwa tlase go le go sweu. Ditlhogwana tsa dithunya tse di kgatlhisang di bophara jwa 50mm ka malobantle a a serolwana se se sedifetseng (nako dingwe a masweu). Nako ya go thunya e simolola ka Phukwi go fitlha ka Lwetse.

Tulo

Semela seno se mela thata kwa nageng tse di bulegileng tsa Afrika Borwa go akaretsa kgaolo tse di omeletseng tsa porofense ya Kapa Bokone.

Dintlha Tlhagiso

Tshikitlane ke sengwe sa dimela tse di dramatic thata mo nageng, segolo bogolo fa dipula tsa dikgakologo dina mo dikgaolong tse di omeletseng ka lefatshe le apeswa ke mebala e e sedifetseng ya semela se.
Matshetshe ano a dikgakologo e kaiwa fa e le nngwe ya dikgagamatso tsa tlhago tsa lefatshe. Semela seno se kaiwa fa e le setshwari sa mmu se se matsetseleko.