Flounders

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Flounders

Leina la Matshamekwane

Left-eyed flounders

Leina la Maranyane

Bothidae

Semeto

E ka nna 1,5 m, fa bontsi bo ka nna 40 cm.

Ponalo

Mmele o bophahathi ka matlho a le mabedi kwa letlhakoreng le le nngwe. Gantsi a nna kwa letlhakoreng la molema. Mogatlana wa ka tlase o moleele. Mogatla wa kwa mokwatleng wa yone le wa kwa morago ga o elele le caudal fin ya yone. Mmala o a farologana. E bosetlhana ka ditsubaba tse di lefitshwana, ka dinako tse dingwe ditsubaba tsa di botala ba legodimo. E kgona go fetola mmala wa yone gore e kgone go iphitlha mo tikologong ya yone.

Dikitsiso

Lelapa la Bothidae le na le mephato e le 13 le dibopiwa dile 116. Flounders di tsalwa di na le matlho kwa matlhakoreng a le mabedi, mme matlho ao a suthela kwa molema mmogo fa e tshetlhela kwa fatshe. E farologana le Sole ka megatlana ya ka fa tlase le ditsubaba tsa yone. E phela kwa tlase mo lewatleng. E ikepela mo santeng gore e khukhunele setlhabelo. E namagadi e tsolola kgesti ya mae mme ya monna e nonofatse mae ao ka peo ya yone (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa kwa tlase ka ditshedi tse di senang lerapo la mokwatla (invertebrates) le tlhapi.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Leopard flounder - Bothus pantherinus
Peacock flounder - Bothus mancus