Ditshimologo tse di Mefutafuta tsa BaVenda

© Dr Peter Magubane

Thibelelô kwa Dzata

Ka ngwagakgolo wa bone, Porofense ya Bokone ya sešweng e ne e dulwa ke BaKhoisan le batho ba paka ya go sale gale ya tshipi, ba ba neng ba dira dikamanô ka kgwebisano, lenyalo le ntwa. Ka ngwagakgolo wa bosupa naga e e kwa bokone e ne e dulwa ke BaNgona le BaKhoisan.

Go tloga ka ngwaga wa 800, Bogosi jwa Mapungubwe bo ne ba tlhagelela, bo atologa gotswa kwa Soutpansberg kwa borwa, go kgabaganya Noka ya Limpopo goya kwa Matopos kwa bokone. Bogosi bo ne ba fokotsega go simolola ka 1240, mme bogare jwa maatla le kgwebisano bo ne ba sutela kwa bokone goya kwa Bogosing jwa Great Zimbabwe.

Tshuto ya tsepamiso-tlhaloganyo goya kwa magosing a Zimbabwe a Khami le Rozwi e ne ya latela, fela ngwaô ga ya ema kwa borwa jwa Limpopo: mekgwa ya ditsa-letsopa ya Shona-Venda le Venda e ne ya tlhamega ka dingwagakgolo tsa bo-14 le 15. Ga gona matlôtla a mabota a letlapa a bogolo jo bo ka bapiswang le a Great Zimbabwe kwa karolong e e kwa bokone-botlhaba jwa Porofense ya Bokone, fela a a kwa dithabeng a bontsha kgolagano.

Go pata go rotoga ga mafelo-bogare ano, go simolola ka bo-ngwaga wa 1400, mokoa wa bahudugi ba ba buang Seshona gotswa kwa Zimbabwe ya ga jaana (ba ba itsiweng ke baVenda jaaka Thavatsindi) ba ne ba thibelela go ralala Nagatlase.

Kwa bokhutlong jwa ngwagakgolo wa bo-17, mokoa o mongwe, baSingo, ba ba neng ba katswa ba tlholegile gotswa go baRozwi, ba ne ba tshaba gotswa kwa Danangombe (Dhlo Dhlo) gaufi le bogare jwa Zimbabwe, mo kgaoganong ya bogosi jwa Rozwi. Ba ne ba thibelela lantlha kwa Tshiendeulu, mme morago kwa Dzata.

Botlhatlhami jwa Babusi

Dzata kwa Kgophung ya Nzhelele e na le mabota a letlapa ale mantsi, mme mo dingwageng di ka nna 60 e ntse le tlhatlhamano ya babusi. Bogolo jwa histori ya yona e imamaretse ka Thoho-ya-Ndou (Tlhogo ya Tlou), e e ka tswang e ne ele babusi ba le mmalwa ba ba neng ba tsaya leina leo fa ba pagama setulo. Dipego dingwe di supa fa e ne ele monna yo a kopantseng ditlhopha tsa Soutpansberg go bopa Venda. Bangwe ba bua fa a atolositse maatla le melelwane ya Venda go akaretsa ditlhopha tsa boagisani.

Ka 1760, Dzata o ne a fisa lefatshe. Se se diragaletseng Thoho-ya-Ndou ke masaitsiweng: a ka tswa a tshabile, le batho ba Ngoma Lungundu, go thibelela go kgabaganya Limpopo, kgotsa a ka tswa a bolailwe.

Ka go nyelela ga Thoho-ya-Ndou, bogosi bo ne ba kgaogana ka bogare. Botlhatlhami ka ngwagakgolo wa bo-19 bo isitse kwa go nneng teng ga ditlhopha tse dingwe gape, ba dikgosi tsa tsona di buang fa ele dikokomane tsa Singo. BaVenda ba ne gape ba na le dikgosi tsa botlholegi jo bongwe. Melao ka ga botlhatlhami jwa bogosi e matswakabele, mme histori ya Venda e itshupile ka dikgotlhang tsa ka metlha mabapi le tlhatlhamano, tse di santseng di tsweletse le ga jaana.

Matshwao mo Ngwaông ya SeVenda

Le fa ba dula mo gare ga BaVenda, BaLemba ba tshegeditse mekgwa (e e jaaka go sa je kolobe) e e bontshang bosimologi jwa bona jo bo itshupileng. Bangwe ba nganga ka le le reng BaLemba ba Porofense ya Bokone le ba Zimbabwe ke dikokomane tsa bagwebi ba baArab ba ba neng ba dira magareng ga Afrika Botlhaba le plateau ya Zimbabwe dingwagakgolo tse di fetileng. BaLemba ka bobona ba dumela fa ele Bajuta ba Bantsho, dikokomane tsa morafe o o timetseng wa Iseraele.

Go sa kgathalasege bosimologi jwa bona, ba tshamekile karolo e e botlhokwa jaaka batshodi ba dithoto mo kgwebisanong ya tshipi le gauta ya pele ga bokoloniale. Mo malobeng, ne go sena mosadi wa MoLemba yo a neng a ka nyala monna wa MoVenda, mme nyalô ya banna ba BaLemba le basadi ba BaVenda e ne ele sewelo. Fa mosadi wa MoVenda a ka nyala monna wa MoLemba, o ne a tshwanelwa ke go tsenela modiro wa go nna MoLemba. Seno se santse se tsweletse, le gale ka boakanyi, gompieno.

Kgwebisano, dintwa le nyalelano le BaTsonga, BaLobedu, BaZulu, BaSwati le batho ba bangwe le tsona di tlogetse matshwao mo ngwaông ya BaVenda.

Leinane la Venda: Moropa wa Baswi

©Dr Peter Magubane

Moropa, Ngoma Lungundu (moropa wa baswi kgotsa wa Mwari), ke karolwana e e botlhokwa ya ditso tsa puo ka ga Singo: fa o letswa ke kgosi ka dinako tsa matshosetsi, o tlile go sireletsa batho kgatlhanong le ditlhaselo le go dira gore ba fenye baba ba bona. Moropa o ne o tsenya letshogo mo meweng ya baba mo ebileng ba ne ba sia ka ntlha ya letshogo, ba wele fatshe ka go idibala, kgotsa ba swe.

Puo ke gore moropa o ne o letla BaSingo go bolola mo loetong lwa bona mme ba dule le go tshola lefatshe le le kwa borwa jwa Limpopo. Nako dingwe, fa moropa o ne o lebega e kete o a itshameka, modimo yo o sa bonagaleng Mwari, yo a neileng moropa go dikgosi tsa baSingo, e ne ele ene yo a o tshamekang. 

Dipuo dingwe di kaya fa, morago ga phutlhamo ya Dzata, moropa o ne wa fitlhiwa mo logageng gaufi le Netshiendeulu, e badudi ba yona e neng ele batshodi ba moropa.

Translated by Nchema Rapoo