Ditiragatso tsa Setso tsa SeZulu

Karolo e e Botlhokwa ya Botshelo ba MaZulu

©Dr Peter Magubane

Mmino, pina le go bina ka setso di tshamekile karolo e e botlhokwa mo botshelong ba MaZulu, e seng fela ba motho a le nosi, mme gape le setšhaba ka bophara. Go bina go ne go ntse go le botlhokwa mo go tsweletseng mowa wa tshwaragano wa setlhopha, bogolosegolo mo dinakong tsa kgatelelo, boitumelo le phetogo, sekao, pele ga ditlhabano, kwa manyalong meletlo yotlhe e e botlhokwa ya phetogo go tshwaya go tsena mo kgatong e ntšhwa kgotsa setlhopha (ka gale go beilweng ka dingwaga tse dirileng).

Didiriswa tsa mmino di ne di sa dirisiwe mo bontsing ba go nia ga SeZulu, tota le fa e ne e le moropa, ka tlwaelo mo ditlhopheng tse dingwe. Ka nnete, moropa o le mongwe fela o o itsegeng kwa tshimologong ya setso sa Mazulu e ne e le iNgungu, kgotsa moropa wa pitsa, o o neng o dirwa ka go taolosa karolo ya letlalo la podi mo godimo ga molomo wa pitsa e kgolo e e dirilweng ka mmopa, (imbiza) mme e ne e tshamekiwa ka go kgwatha ka seatla.

Go tswa mo dikwalong tse di leng teng, e tla tlhagelela gore isigubu, kgotsa moropa wa logong, o ka gareng tlwaelegileng mo gareng ga MaZulu gompieno e ne ya kopisiwa, gongwe go tswa mo baagisaning ba bona ba MaThonga. MaZulu a na le palo ya didiriswa tsa mmino tse di nang le mogala tse di itsegeng ka uGubu, bora bo tsentsweng mogala ka lekukane e mametleletswe kwa ntlheng e nngwe, e ne e itsege thata.

Go bina ka gale e nnile le meetlo e megolo e e boleng mo matshelong a MaZulu, mme go na le ditiragalo tsa botshelo ba MaZulu fa e bopa karolo e e botlhokwa thata ya thulaganyo ya tirelo ya ditiragalo tse di leng botlhokwa.

Meletlo ye e nang le Mosola

©Dr Peter Magubane

Sekao, fa mosimane lgotsa mosetsana a fitlhela diphetogo tsa boša, dipina tse di rileng di tsamaisana le go bina. Go ntse fela jalo le lenyalo, mo kilano ya tumalano ya moetlo e e mo magareng ga maphata a mabedi e supiwa ka go bina go go tseneletseng e e bopang karolo e e botlhokwa ya moletlo mongwe le mongwe wa lenyalo.

Bogolosegolo mo nakong e e fetileng, fa go tsoma go ne go santse go le tlwaelo, go bina le gona go na le sa ntse le le tshwanang le mosola o o rileng pele ga go tsoma.

Pele ga go tsamaya, banna ba ne ba kokoana mo lesakeng la dikgomo fa ba neng ba bina, ba ikgantsha ka boganka na le gore ba tla dira eng? le bopelokgale bo ba tla nnang bona fa ba tsoma. Ka tsela eno, phisego ya go tsoma e ne ya tsoswa le ditsholofelo di tlhatlhositswe.

Go bina go go bogkgabo thata le bo bo tlhagelelang thata ga go bina gotlhe ga MaZulu e ne e le mephato ya King ka moaparo wa mophato ka botlalo pele ga ntwa le kwa go bineng ga ngwaga ka ngwaga kwa ntlong ya bogosi ya kgosi fela morago ga Moletlo wa Dikungo tsa pele.

Ditlwaelo tsa go bina tsa masole di ne di le matlhagatlhaga le go nna maatla, ka nako e e sentle le ka mmele mme di ipakanyeditswe. Ditlamorago tsa se, go tsamaelana le meaparo ya bona ya mephato e e feteleditsweng, e ne e le mentle tota.

Translated by Lawrence Ndou