Diromelwateng le Diromelwantle tsa Nama ya Podi

© Gerrit dos Santos
Diromelwanteng tse di tshelang tsa dipodi mo Aforika Borwa di tshwanetse go tsamaisana le ditetla tsa thomelontle ya leruo go tswa kwa dinageng tse di mabapi le dikgato tsa phapafatso tsa Aforika Borwa. Kwa go busetseng morago, thomelontle ya dipodi tse di tshelang di tshwanetse go tsamaelana le ditetla tsa thekontle go tswa kwa nageng e e rekangteng.

Thomeloteng ya Dipodi tse di Tshelang go tla mo Aforika Borwa

Go ya ka dipalopalo tsa thomelontle go tswa kwa Botong ya Nama ya Namibia (Nammic) fela ka fa tlase ga 140 000 ya dipodi tse di tshelang di rometswe go tla mo Aforika Borwa go tswa kwa Namibia ka 2017 (fa go bapisiwa le 158 000 ka ngwaga wa 2016 le 198 000 ka 2015).

Go fitlha ka Lwetse 2018, 103 000 e nngwe ya dipodi tsa kwa Namibia di ne tsa amogelwa mo Aforika Borwa, mme gape ka 2018, thwalo ya dipodi tse di tshelang go tswa Botswana e gorogile. Le gale, ka dikgoreletsi tsa leruo tseo di neng di le gona mo dikarolong tse di farologaneng tsa Botswana, karolo go tloga kwa diphologolo di ne di rekilwe e tshwanetse go tlhophiwa ka kelotlhoko.

Gape dipodi di rometswe kwa Swatsing – diphologolo tse di 39 ka 2018 (fa go bapisiwa le 510 ya diphologolo ka 2016) le go tswa kwa Lesotho - 4280 ya diphologolo ka 2018. Se ke bokana ka halofo ya diromelwateng (9 630) go tswa kwa Lesotho ka 2016.

Diromelwantle Tsa Dipodi tse di Tshelang go tswa mo Aforika Borwa

Dipodi tse di tshelang di romelwa ntle go tswa mo Aforika Borwa kwa go palong ya dinaga tsa Aforika go akaretsa le Namibia (34), Sudan (103), Senegal (38) le Swatsing (117). Dinaga tse dingwe tse di rometsweng dipodi tse di tshelang tsa Aforika Borwa ka 2018 di akaretsa Bangladesh (dipodi tse 15), Mauritius (1099) le Saudi Arabia (106).
Dipalo tsa diromelwantle ka 2018 di ile godimo ka kgwedi ya Lwetse.

Kwa ntle ga diphologolo tse di tshelang, dipelwana le didiriswa tsa tsadiso le tsona di a romelwa kwa ntle go tswa mo Aforika Borwa.

Diromelwateng tsa Nama ya Podi go tla mo Aforika Borwa

Go ya ka Lefapha: Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF) Aforika Borwa e romelateng fela mebele ya podi e e foreše, e gatseditswe kgotsa e tsidifaditswe; dikarolo tse di segilweng, tse di foreše, tse di gatseditsweng tse di nang le marapo mo tsona; le nama ya podi e e foreše, kgotsa e e se nang marapo. Ka nako ya paka ya 2007 go ya 2016, Aforika Borwa e rometseng teng dikilogeramo tse di ka nnang 6 200 tsa chevon ka ngwaga e ntshakuno ya kakaretso R83 139 ka ngwaga.
Ka 2017, ditone fela tse di 1.8 tsa nama ya dipodi di amogetswe go tswa kwa Namibia. Go fitlha ka Lwetse 2018, ga gona nama ya podi e e amogetsweng mo Aforika Borwa.

Thomelontle ya Nama Ya Podi go tswa mo Aforika Borwa

DAFF, go ya ka pegelo ya yona ‘Porofaele Ya Ketane ya Boleng jwa Mmaraka wa Dipodi wa Aforika Bprwa’ (2017) e rile gore Aforika Borwa e rometsentle chevon ya palogotlhe ya ditone tse 43 ka boleng jwa R2.7 ya dimilione ka ngwaga wa 2016 (R62/kg). Se e ne e le koketsego ya 115% (ka boima) le 87% (ya lotseno) go simolola ka 2015 go ya ka 2016.

Le mororo go na le koketsego ya thomelontle ya nama ya podi go simolola ka 2015 go ya ka 2016, palo ya nama e e romelwangntle e ile kwa tlase thata ka 2018.

Palo ya 43 ya ditone ka ngwaga wa 2016 nama ya podi e rometswentle e bonagetse ka go fokotsa ka palo ya fela go feta ditone tse 1,2 go fitlha ka Lwetse 2018. Seno se akaretsa le thomelontle ya nama ya 13 kg go ya kwa United Arab Emirates.

Diromelontle tsa nama ya podi go ya Swatsing di fokotsegile go tswa mo go godimo ga 35 000 kg ka 2016 go ya fela 7 kg ka 2018.

Judith Weideman wa Khalahari Kid Corporation (KKC) o tlhalositse gore dimaraka tsa KKC di tla akaretsa Mauritius, Hong Kong, Uganda le Nigeria. ‘Fa kiletso ya e tlositswe gape, KKC e tla tswelela go tlamela nama ya podi kwa Kuwait, Saudi Arabia, Oman, Dubai, Qatar le Bahrain’. Ga go na le tshwaelo go tswa mo dingakeng tsa diphologolo tsa puso tsa Lefapha: Temothuo, Dikgwa le Ditlhapi di ka bonwa go tlhalosa gore goreng kiletso eno e le teng kgotsa fa eno se tla tlosiwa. (Sedimonthole 2018.)

KKC ke setlamo se se tsholwang ke Puso ya Porofense ya Kapa Bokone mme ke Serori se se Kgethegileng sa Maikaelelo (SPV), e e dirisiwang go isa thekisong intasteri ya podi kwa Kapa Bokone.

Translated by Lawrence Ndou