Dintlha tsa Motheo

Dintlha tse di ka Bonako

©Roger de la Harpe

Mapungubwe e tlhomilwe mo khutlong ya bokonebophirima jwa Aforika Borwa, kwa khuetsommogong ya Limpopo le dinoka tsa Shashe. Ke mo molelwaneng le Botswana le Zimbabwe, go lebana le Thibelo ya Tuli. Ka dingwaga tse di 1000 tse di fetileng, e ne e le bogare jwa tlhabologo e kgolo e e maatla e e neng e gweba thata ka bagwebi bao ba neng ba ikaegile mo lebopong la botlhaba la Aforika.

Go na le mafelo a a amanang le thuto ya kepololo ya dilo tsa kgale a a fetang 200 mo tikologong le mešate e meraro e e neng e tsenwe mo dinakong tse di tharotse di farologaneng: Zhizo, K2 le Mmoto wa Mapungubwe Mošate wa kwa Mmotong wa Mapungubwe e ne e le o o mogolo go gaisa mme e le o humile ga gaisa.

Kgosi e ne e nna kwa thoko mo go itumedisang e le nosi kwa godimo, fa batho ba gagwe ba ne ba tshela mo botlaseng mo tikologong ya leoto la thaba. Morago ga go wa ga tlhabologo, mengwaga e e 700 e e fetileng, merafe e e neng ya sala e ntse di mo tikologong e ne ya gana go ya gaufi le lekgabe, ba ne ba dumela gore e ne e le lefelo le le boitshepo moo badimo ba tshelang gone.

Mmoto o wa ribololwa lwa ntlha ke basweu ka 1932, fa monnamgolo wa sefofu a neng a bitswa Mowena a ne a pateletswa go supa lekgabe la boganka go morutabana o neng a bidiwa Van Graan. Van Graan le ditsala tsa gagwe ba bone maditla a le mmalwa mo godimo ga lekgabe a a neng a tletse dilo tsa phitlho tse di gakgamatsang, e e tumileng thata ke tshukudu e e feletseng ya sebopego se se dirilweng ka sephuthelo sa gauta.

Goreng Semaka le Dikinane?

©Roger de la Harpe

E utlwala e kgatlhisa? Ke nnete e go jalo! Gona goreng re sa itse go le gontsi ka ga setso se se lebetswe le dimaka tsa lekgabe la sona o o sa itsegeng? Ga rialo, le ge e le gore Mapungubwe, le fa e le gore e ne e le nngwe ya ditlhabologo tsa pele mo kgaolong ya Sahara e e kwa tlase ya Aforika, e nnile ya khupetswa ke semaka le dikinane mo bontsing jwa dingwaga tse di 700 tse di fetileng.

Mme go na le mabaka a le mmalwa ka phatlha e. Sa ntlha, jaaka go ntse ka ditlhabologo tsa bogologolo kwa Borwa jwa Amerika le Botlhabagare, go na le tswelelopele e nnye magaregn ga batho ba bogologolo ba Mapungubwe le balekane ba bona ba segompieno, go feta dilo tsa setšhaba steo di sa dumelesegang tse di mmalwa tse di sa tlhaloganngweng le dikinane. Mo godimo ga foo, batho ba Mapungubwe ga ba ka ke ba sia direkoto kwa morago tse di kwadilweng, mme hisetori ya molomo ka kakaretso ga e fitlhelele morago go feta dingwaga tse di makgolo a mmalwa ka bontsi.

Kwa bokhutlong, mo pusong ya Tlhaolele mo Aforika Borwa, puso e le ruri e ne e sa batle go galaletsa tatlhegelo ke tlhaloganyo e fe kgotsa e fe ya bagaabo ya maemo a go kgatlhisa le tsamaiso ya thuto fela e ne e sa samagana le histori ya peleng ya Aforika gotlhelele.

Lefatshe la Barwana le thulaganyo ya mafelo a bonno jwa dingwaga tsa tshipi jwa Bathobatsho ba tshela phefo e e tsedidi kgotsa go dira go ikgatholosa ke dibuka tsa baithuti, mme se se feletse ka kakanyo e e sekameng ya gore ga go tse di nsti tse di diragetseng mo Borwa jwa Aforika go fitlhela maYuropa ba goroga mo ka bo1500.

Thuto ya Pele ga 1994

©Shem Compion

Bao ba rona bao ba tlhokileng lesego tota go rutiwa ka fa tlase ga sesupo se se belaetsang sa Bosetšhaba ba Aforika Borwa re santse se sa kgone go tlosa mogopolo wa gore baagi ba ne ba ntse ba le magwata, setlhophana sa morafe sa rata ntwa fela, ba tshela mo dintlong tsa bojang mme ba tlolaka mo sekgweng le marumo.

Setlaela sengwe sa motlhaola batho ka bosemorafe o rile mo go nna gore ‘batho ba Aforika ga ba na le setso’, pele ga ke ka galefa, ke ne ke tshwanetse go gakologelwa gore se ke se o neng a se rutiwa ke ba-histori ba tshasitsweng bobi mo matlhong ba nako e e fetileng.

Le fa go le jalo, mo dingwageng tse di fetileng, go nnile le ditiro di le di ntsi tsa dipontsho tsa bosetšhaba ka Yunibesiti ya Pretoria, mme le kgang e ne e begilwe ka bophara mo bobega dikgannyeng.

Le fa go le jalo, bontsi jwa dipego tse di ne di le mo tikologong ya ‘dimakatso’ tsa Mapungubwe mme ya nna kelotlhoko mo go reng ke mang o o neng a dira mokgwa wa bontle jo bo masisi jwa tshukudu ya gauta – go se lore le ka motsotso gore e ka nna le setlogo sa selegae. Fela, ka bontsi, Mapungubwe e latlhetswe mo dišelefong tsa dithole tsa borutegi ka tsholofelo ya gore e ka nna ya lebalwa. Mme e batlile go nna jalo.

Morago ga 1994

©David Fleminger

Fa e sale ka 1994, le fa go ntse jalo, kakanyong ya sepolotiki e fetogileng le Mapungubwe e tserwe gape jaaka sesupo se se itsegeng sa Tsosoloso ya Seaforika; sekao se se bonalang sa dikgalalelo tse di fetileng tseo ga jaanong re batlang go tsaa malebela mo tsona. Ka jalo, ka 1997, lenanethuto la hisetori kwa bofelong le ne la tlhabololwa go akaretsa setshwantsho se se tletseng sa pele ga hisetori ya Aforika, mme Mapungubwe e ne ya fitlhela gape maemo a yona a a tshwanetseng mo thathamologelong ya rona ya bosetšhaba.

Jaaka go tshwanela teko e e kgolo jalo mabapi le ditikologo tsa Mapungubwe jaanong di beilwe ka polokesegos mo teng ga melelwane ya tshireletso ya Phaka ya Bosetšhaba eo e sa tswang go tlhomiwa sešwa. Gape e bolela go ela tlhoko gore tlotla e kgolo go gaisa e e abetsweng ke puso go MaAforika Borwa ka phitlhelelo ya boleng jo bo kwa godimo e e gakgamatsang e bidiwang Tsamaiso ya Mapungubwe. Se, ka jalo, ke kgang ya Mapungubwe.

Ke noolwane e e sa tlwaelegang le go nna thata go e tlhalosa, e e tletseng ka diphiri tse di kgatlhang tse di tlisang lesedi fela ka dikgase tsa gauta, dimeka tsa popo ya dingko le masaledi a mmalwa a batho. Gape ke kanelo e e kgatlhang e e nonneng ya ditlhabologo tsa bogologolo le dilo tse dintle tse di fitlhetsweng, eo e balegang jaaka padi ya H.Ryder Haggard.

Fela, mo go mongwe le mongwe yo o neng a rutilwe pele ga 1997, kanelo ya Lenaga la Setso la kwa Mapungubwe ke phatlha e e botlhokwa mo dikakanyong tsa rona, le phatlha e e lolea e e tshwanetseng go tladiwa.

Translated by Lawrence Ndou