Dinotshe le Popego ya Loago la Tsona

©Éric Tourneret
Dinotshe tsa tswine ke ditshenekegi tsa loago e bile di nna mo ditshelammogong tse dikgolo. Tshelammogo nngwe le nngwe e na le tshegadi e le nngwe e e nonneng (kgosigadi) le diketekete tsa dinotshe tsa badiri (ditshegadi tse di sa tsaleng), mme mo dikgweding di le mmalwa ka nako ya selemo tshelammogo le yone e tla nna le ditona tse mmalwa tse di itsegeng jaaka didrounu. Ka tlwaelo, go go na dinotshe tsa ditona mo tshelammogong ka nako ya dikgwedi tsa mariga.
Kwa godimo ga selemo, go ka nna le palo ya badiri ba le 50 000 - 60 000 mo tshelammogong, mmogo le ditona le kgosigadi.
Go fitlha ka nako ya bofelo jwa letlhabula bontsi jwa ditshelammogo di na le bašwa ba ba tlhabologang, (mae, dibokwana, mokone), ka go kgobokana e bidiwang ya go elama. Tse di tlhokomelwa mo dikamong tsa boka, e gape e na le diboloka dijo tsa tshelammogo. Ka nako ya mariga, go tlhokomela ya go elama go ka fokotsega kgotsa go ema le matshelo a tshelammogo mo dijong (tswine ya dinotshe le mmudula) e kgobokantswe le go bolokwa ka nakong ya selemo.
Ka ngwaga o o siameng mouakgomo o kgona go tsaya tswine ya dinotshe e e feteletseng go tswa mo ditshelammogong, a tlogele e e lekaneng mo tshelammogong go phela mo dikgweding tse di tsididi go fitlha ka dikgakololo tse di latelang.

Ditokololo tsa Tshelammogo ya Dinotshe

©Waugsberg
Tshelammogo ya dinotshe e na le ditshegadi tsa maemo a mabedi, kgosigadi le notshe ya modiri. Ditona di itsewe gape jaaka dinotshe tsa didirounu. Ka kakaretso thulaganyo ya tshelammogo ya dinotshe e tshwana le ya ditshenekegi tse dingwe, mme boemo jo bongwe le jo bongwe jwa tse tharo (modiri, kgosigadi le tona) di tlametswe ka dipopego tse di kgethegileng tse di nyalantsweng le dikarolo tsa tsone tse di kgethegileng.
Ka nako ya selemo dinotshe tsa badiri di tshela dibeke di ka nna tse 6, mme ka mariga le tiro e e nnye go e dira, di ka kgona go tshela go fitlha dikgwedi di le 6. Kgosigadi ke tokololo e kgolo go feta ya tshelammogo e bile e tshela dingwaga di le mmalwa. Tiro ya gagwe ke go beela mae go ntsha dinotshe tse dingwe. Ke yone notshe fela, e e ka beelang mae a nontshitsweng. Mpa ya gagwe e telele e na le dipopelo tseo di ntshang kuno ya mae a palo e e kwa godimo thata mo nakong e telele. Kgosigadi e kgona go tlhomamisa bong jwa bana bao e tlileng go ba ntsha ka go laola tiriso ya monontsha a mae ao e a beetseng. Lee le le nontshweng le tla go fetogela go nna notshe ya tshegadi (modiri kgotsa kgosigadi) mme mae a a sa nontshwang a tlhabologela go nna ditona (didurounu). Go nna le taolo e go botlhokwa mo boitekanelong jwa tshelammogo, jaaka tshelammogo e tshwanetse go nna le palo ya badiri e e kgolo go diragatsa bontsi jwa tiro.

©Chris Daly
Ditona di kgolo go feta modiri, mme e seng go nna mogolo jaaka kgosigadi. Seabe sa bona jaaka dinotshe tsa ditona mo tshelammogong ke go goelana le kgosigadi ka ntlha ya gore e beele mae a a nontshitsweng. Ditho tsa thobalano di tsaya karolo e kgolo ya mpa ya yone. Ditona di tshela nako ya dikgwedi di le mmalwa ka nako ya selemo, mme di a lelekwa mo tshelammogong fa mariga a tla.
Dinotshe tsa badiri di dira bontsi jwa ditiro mo motshitshi tse di jaaka go phepafatsa disele, go fepa tse di elamang, go ntsha boka, go aga dikamo, go moyafatsa motshitshi, go sireletsa matseno, go fula dijo le go baakanya botshe gore bo nne tswine ya dinotshe. Ditiro mo motshitshing di amana le bogolo. Sekao, baridi ba bannye go feta botlhe ba na le go dira jaaka baphepafatsing mo gare ga tshelammogo fa badiri ba bagolo go feta e le bafudi.

Dinotshe mo Aforika Borwa

©Dr Tlou Masehela
Go na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya notshe ya tswine ya dinotshe le diphedi tse di kwa tlase di farologana go ya ka mmala, mekgwa, ntshokuno le kemokgatlhanong ya tsona mo disenying le malwetse. Dinotshe tse dingwe di ya ikokobetsa mme go bonolo go di laola fa tse dingwe ba ka nna bosilo le go btla go se laolege.
Go ya ka Mokgatlho wa Intaseteri ya Notshe ya Aforika Borwa (SABIO), Aforika Borwa ke legae la ditshedi tsa setlogo tsa kwa fatshe tse pedi, Apis mellifera Scutellata (kgotsa “notshe ya Aforika”) le Apis mellifera Capensis (kgotsa “notshe ya kwa Kapa”). Notshe ya kwa Kapa e tshela mo dikarolong tsa fynbos tsa Bophirima le Borwa jwa Kapa. Notshe ya kwa Aforika e tshela mo kgaolong eno ya bokone, mme go na le go tsenelela mo dikgaolong tse pedi mme notshe ya kwa Kapa le notshe ya Aforika di a tswalakgabaganya.
Notshe ya kwa Kapa e na le go nna e wetse makgwafo le go bonala e fifetse go feta notshe ya Aforika. E kgethegile ka gore notshe ya modiri ya kwa Kapa e ka ntsha bobedi bana ba ditona le ditshegadi mo motshitshing, o o nnileng go tlhoka kgosigadi. Dinotshe tsa kwa Kapa di ka tsaya metshitshi ya notshe ya Aforika ka dinotshe tsa badiri tsa kwa Kapa di tsenang mo tikologong le go beela mae a tsona.
Notshe ya Aforika e bosilo mme e ntsh kuno e kgolo ya tswine ya dinotshe. E na le mpa ya methalo e e serolwana e e mentsi fa e bapisiwa le notshe ya kwa Kapa. Dinotshe tsa badiri ga di tsale fa kgosigadi e le teng, mme di ka beela mae a a sa nontshwang, mae a ditona.

Translated by Lawrence Ndou