Ke ne ke na le bana ba le supa ka kakaretso, basetsana ba le batlhano le basimane ba le babedi. Morwadiaka Nonkosi le setlogolo sa me Mihlali ba ne ntse ba dula le nna fa e sale setlogolo se belegwa dingwaga di le pedi pelenyana. Ke ne ke le mmê go ênê mme ke ne ke mo rata thata.
Ka ura ya botlhano mo mesong, o ne a simolola go lela. Ke ne ka leka go mo didimatsa mme o ne a lebega fa a didimala go se nene, ka jalo ke ne ka mo robatsa, mme ka ya go pagama tekisi go ya kwa Pinelands mo Cape Town. Fela ga ke bowa, o ne a didimetse mme a sa tsiboge.
O ne a tlhokafetse. Ke ne ka bitsa moagisani wa me, monna yo o siameng yo o bitswang Peter Nqoboka, yo o utlweletseng go itaya ga pelo ya ga Mihlali mme are, ‘O ile.’ Ênê le mohumagadi wa gagwe ba ne ba dula le nna fatshe go rapela. Fa Nonkosi a fitlha moragonyana, ke ne ke sa kgone go mmolelela. O ile kwa go ênê mme are, ‘Mmê, Mihlali o tsidifetse thata.’ Mme ke ne ka tshwanela ke go mmolelela gore ke goreng.
Mihlali o ne a tshwaetsegile ka HIV fa e sale a tsalwa, fela ke ne ke sa itse sepe ka HIV ka jalo ke ne ke sa tlhaloganye gore ke goreng fa a tlhola a lwala. Moragonyana ga loso lwa ga Mihlali, morwadiaka yo mo golo, Nomanani, o nteleditse mogala gotswa kwa Transkei go mpolelela gore Nonkosi – mmaago Mihlali – o tshwerwe ke mofikela o o maswê mme ga a kgone go ja sentle.
Nonkosi o ne a buile gore o tshwaetsegile, fela ke ne ke santse ke sa itse gore go ‘tshwaetsega’ go kaya eng. O ne a tla mo Cape Town go bona kalafô, mme morago a re o batla go boela gae. Ke ne ke gopola gore o a tokafala mme ke sa batle go mo pateletse go dula, ka jalo a tsamaya. Ke ne ke le maswabi thata fa a tlhokafalela kwa Transkei. Morwadiaka yo mongwe, Noxolo, o tlhokafetse ka ntlha ya HIV le ênê.
Fa mohumagadi wa morwa wa me yo mo golo, Phikolomzi, a nthomela lekwalo le le reng morwa o na le TB, ke ne ka ya kwa Transkei go ya go mmona. O ne a otile thata mme a tlhoka thuso ya go emelela.
O ne a sa kgone go dirisa lengwe la matsogo a gagwe, ka gonne o ne a swile mhama, mme ka lebaka lengwe ke ne ke sa tlhaloganye, o ne a sa kgone go bua le eseng. Ke ne ka dula koo ka Phukwi le Phatwe mme ka boela Cape Town ka Diphalane. Ke yona kgwedi e a tlhokafetseng ka yona. Dingwaga tseo, dingwaga tse bana ba me le setlogolo sa me ba tlhokafetseng ka tsona, e ne e le dingwaga tse di maswê mo go nna.
Fa ke ne ke ya kwa Grandmothers Against Poverty and Aids lantlha, ke ne ka lela thata, ke gopola le go bua ka se se diragaletseng barwadiaka ba le babedi, morwa le setlogolo. Bonkoko ba bangwe ba a tlhaloganya, ka gonne selo seno se ba diragaletse le bona. Re rapela mmogo koo mme Modimo o thusa go re retibatsa maikutlô mabapi le go tlhokafala ga bana ba rona.
Fa e sale ke ya kwa GAPA ke lemogile gore Aids ke bolwetse jwa botlhe, eseng fela jwa malapa a rona. Ka jalo re ikutlwa re le maatla mme re lebogela gore rona ka borona re itekanetse. Ke ya kwa GAPA ka boLabobedi, go tsenela dithuto tsa go bina. Re ja difitlholo le teê pele re bina, mme morago ga fao re ja dijo tsa motshegare.
Mme re a loga le go roka dibaga. Ka boLaboraro, go na le setlhopha sa tshegetso kwa ntlong ya ga Mohumagadi Mbedla, mo mmileng wa rona. Bonkoko ba le somesupa baa tla, gotswa kwa Section A, B, C le D tsa Khayelitsha. Gona le bonkoko ba le bantsi mono ba ba tlhokang GAPA. Ebile nkile ka ema kwa kerekeng go ikuela go bonkoko gore ba tle kwa GAPA, ka gonne e tota e thusa thata.
Translated by Nchema Rapoo