
Devil's Thorn
Makanangwane
Leina
Makanangwane kgotsa Devils Thorn kgotsa Boot Protectors
Leina La Se-Latin
Dicerocaryum senecioides
Thanololo
Ke setlhatshana se se nnye se se golang ka ngwaga sa dikalana tse telele tse di tsharologang. Matlhare a tlhoga ka dipara tse di lebaganeng mme a meno; dithunya di mmala o ô pinki le mauve mme di bopegile jaaka diterompeta.
Tulo
Semela seno se fitlhelwa mo Afrika Borwa, Malawi, Botswana, Mozamboque le Zimbabwe.
Peo
Dipeo di ka mo gare ga kgapapeo e e sephaphathi se se mebitlwa e le 2 e emeletse.