Damselfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Damselfish

Tse dingwe tsa lelapa la tsone

Garibaldis, Gregories, Sergeant-majors, Chromis, Night-sergeants.

Leina la Maranyane

Pomacentridae

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 10 cm.

Ponalo

Mmele o moleele wa kgolokwe ba lee. Makwapa a tsone a bokgwakgwa mme a matona. Megatla ya kwa morago le yone e a farologana ka fa a mangwe a concave (sebopego sa halofo ya kgolokwe) fa tse dingwe diphatlhaletse (forked). Mebala ya tsone e a farologana le one. Tse dingwe di dintsho fa tse dingwe di kanna bosweu, mmala wa lephutshe, mmala wa namune le mmala wa legodimo e a bonala.

Dikitsiso

Lelapa la Pomacentridae le na le mephato e le 28 le dibopiwa dile 321 tse di farologaneng. Bontsi ba tsone di bonwa mo mafikeng a di’reefs. Di ka iphitlha ka coral ya lewatle le mo magareng ga mafika fo e ka tshosetswa ke kotsi e atumela. Tse dingwe tsa tsone di’territorial. Tsa banna di aga manno a sentlhaga mo mafikeng fa tse di namagadi di beela mae a tsone foo, mme tse di tona di tla nonofatsa mae ao ka peo ya tsone. Tse ditona di tlhokomela sentlhaga le mae ao sebaka sa malatsi a le masupa.

Dijo

Di fepa ka dijo tse di leng teng kwa mafelo a di nnang mo go one, jaaka algae, plankton, corals le di’crustaceans.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Chocolate dip damselfish - Chromis dimidiata
Sergeant major damselfish - Abudefduf vaigiensis
Domino damselfish - Dascyllus trimaculatus