Chacma Baboon
Tshwene ya Chacma

© Nigel Dennis
Tshwene ya Chacma.

Leina

Tshwene ya Chacma kgotsa Tshwene Cape (papio ursinus)

Popego

Tshwene ya Chacma ke e nngwe e kgolo ya diamusi tse di tshwana le dintšwa mme e le leloko loo motho, e nna le menoo a a tlhageletseng kwa ntle. E tona e e godileng e fitlha dimilimetara tse di 1.5 go tswa kwa tlhogong go ya kwa mogatleng le go bega dikilogeramo tse di 33 ka boima, mme e namagadi fa e bopame e ka nna dimilimetara tse di 1.1, e na le boima ba dikilogerama di le 15.

Dijo

Tsona ke tse di jang dimela le diphologolo ka fa tlase ga maemo a tlhago di ja maungo a tlhaga, dipeo, ditshenekegi, diphepheng, le motlhwa ka dinako dingwe di ja nama ya diamusi tse di nnye le dinonyane. Ka ntlha ya gore mephato e itlwaeditse go tlhasela masimo a thekiso, ditshwene ga di itumedise balemerui ba mmopo le maungo.

Tsadiso

Ditshwene ga di na setlha asa go tlhakana ka botona le bonamagadi ka jalo di nna di le matlhagatlhaga mo tsamaong ya ngwaga o otlhe. Di dusa lobaka lwa malatsi a 140, morago ga foo e tsala tshwenyana e le ngwe. Ditshwene tsa Chacma ke ditswasetlhabelo tsa diNkwe le Lengau.

Maitsholo a yona

Ditshwene di ka nna bogale thata. Ke ntlha e e istegeng gore di ka itwela ka mafega go dibata fa di tshosetswa. Mephato e ka nna palogare ga di le 50 go ya 100 tse di maatla.

Di fitlhelwang ka kae?

Ditshwene di fitlhelwa kwa go nang le ditlhare tse di ntsi, kwa seka-sekakeng le kw dithabaneng go bapa le le thaba ya Drakensberg. Tshwene ya Chacma e tseetswe maano ke losiak lo lo fa thoko ga yoan kwa ntlheng ya kwa Bokone e eleng tshwene e e serolwane. Di phasaladistwe mo Aforikaborwa le kwa dinageng tse di kwa ntle ga naga.

Mo karolong ya dintlha

Le fa e le batswasetlhabelo ba Dinkwe, Ditshwene di itsege ka go itwela kgatlhanong le dibatana tse mme e setse e bonwe di kgaotse dira tsa tsona ka bobedi ka meno a tsona a magolo. Kwa Cape Peninsula, di fitlhelwa gantsi kwa borwa, gantsi di filthelwa di lwa le batho gonne di tlhasela matlo le fa bewang gone dijo, ke maemo a a dirileng gore gonne diphigisano tse di ntsi le go supanw aka menwana, mme go sena tharabolo e e bonagalang.