Catfish

© Nigel J Dennis

Leina la Mophato

Catfish

Leina la Matshamekwane

None

Leina la Maranyane

Ariidae

Semeto

E ka nna 45cm

Ponalo

Mmele wa yone o moleele mme tse dingwe di na le sebopego se se tshwanang le sa di-eels. E ka nna le dipara dile 2-3 tsa di-barbels(ditetswana) go dikaganya molomo wa yone. Mogatla wa kwa morago o ntlha-pedi (forked). E bonala ka mmala wa borokwa kgotsa selefera le borokwa. Tse dingwe di ka nna le distripe mo go tsone.

Dikitsiso

Lelapa la Ariidae le na le mephato e ka nna 14 le dibopiwa di ka nna 120. Ga di na makwapa mo mmeleng. Mogatla wa mokwatla o na le mmitlwa o le mongwe o nang le botlhole. E na le diplata tsa lerapo mo phogwaneng. Gantsi e ka fitlhelwa mo diphatlheng kgotsa mo go phatlhogileng(crevices). Fa mae a tsone a fetsa go nonofatsiwa e tona e tla a hupa ka molom go fitlhela a thuba. Ke engwe ya dibopiwa tse di mmalwa tse re bonang tse ditona di elama mae ka molomo mo go tsone.

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye le di-invertebrates, gantsi e ja shrimpe, makakauwe kgotsa di-molluscs. E dirisa di-barbels tsa yone fo batla dijo mo santeng.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a mafelo aa mofuthu, a a bonang dipula le mogote. Tse dingwe tsa dibopiwa tse di ka bonwa kwa di’estuaries le kwa mafelong a metsi a a se nang letswai.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Sea catfish
Galeichthys sp
Striped eel catfish
Plotosus lineatus
Striped eel catfish Juvenile
Plotosus lineatus