Botshelo ba Sešweng ba Basotho

Badiri mo Aforika Borwa

©Roger de la Harpe

Tlhotlheletso e kgolo thata ya Basotho ba kwa Lesotho ke go nna le seabe ga bone jaaka badiri ba mo Aforika Borwa mo meepong le intaseteri ya ntshokuno. Seno se emela motswedi wa bona o mogolo wa lotseno mme o ameile ditirelo tsa bona.

Ditlamorago tsa yona di bonala sentle mo teng ga dithulaganyo tsa selega (banna ba kgaogane nako e telele le malapa a bona), le diphetogo mo goreng lenyalo le bonwa jaang (bnaa jaaka ba amogedi ba letseno ba ba ikgatholositseng le basadi ba e leng leloko le le tshelang la badira lelapa).

Khumo ya bogadi e kaya tshwanelo ya banna go batla tshegetso go tswa go bana ba bona fa basimolola go amogela letseno, e seng fela kamano ya bona le losika. 

Badimo le dingaka (lingaka) ba tshwailwe fa ba amega mo maitemogelong a banna jaaka badiri ba bafaladi le maitemogelo a basadi a go siwa kwa gae.

Ba kopiwa go neelana ka tshireletso kgatlhanong le dikotsi tse di fitlhegileng mo meepong le madirelo; ba solofelwa go thusa go alafa dikgobalo, ka mmele le maikutlo, tse di amanang le tiro ya go nna jalo; mme ba romelwa morago kwa difatlhegong tse gatelegileng tsa basadi ba ba tlogetsweng go tlhokomelo bana ba bona ba le nosi, ditshimo le diruiwa ka madi a mannye, fa a le teng.

Translated by Lawrence Ndou