Bolemirui jwa Alpaca mo Afrika Borwa

© Marinda Louw

Ka 2000, gotswa kwa dikgaolong tsa bogodimo jo bo kwa godimo kwa Dithabeng tsa Andes tsa Chile, di-alpaca tsa ntlha di le 60 di ne tsa tsena mo tseleng go tla Afrika Borwa. Sika-loo-kamela lono lo bopile motlhape wa motheo wa ntlha. Diromelwa-teng tsa morago ga fao gotswa Chile, Peru le Australia di letlile bodirelo jwa alpaca mo Afrika Borwa go ka atologa go nna diphologolo tse di fopholetswang go 10 000 ka 2019, ga se tsotlhe tse di kwadisitsweng. 

Di-Alpaca ga jaana ke matsopa a a kwadisitsweng mo Afrika Borwa mme batsadisi le beng ba tshegetswa ke South African Alpaca Breeders Society - mokgatlho o o tlhamilweng ka 2001. Di-Alpaca mo Afrika Borwa di ruelwa bobowa jwa tsona, le jaaka leruo la tsadiso, di rekiswa gape jaaka diphologolo tsa gae, le ka ntlha ya botlhokomedi jwa tsona jo bo matsetseleko go metlhape ya dinku. 

Dikwalo di le mmalwa tseno di neelana ka tebelelo-kakaretso ya bolemirui jwa alpaca mo Afrika Borwa ga mmogo le tshedimosetso nngwe ka ga phetolo le tiriso ya bobowa jwa alpaca.

Translated by Nchema Rapoo

Bobowa jwa Alpaca

Di beolwa gangwe mo ngwageng ka dikgakologo, di-alpaca di kgona go fetolela dijo go nna bobowa mme e kaiwa fa ele phologolo e e tlhagisang b...more

Tlhagiso ya Alpaca

Di-Alpaca di na le dinao tsa dikgato tse di sireleditsweng, thulaganyo ya tshilô-dijo e e manontlhotlho mme di bontsha kganetso-kgatlhanong...more

Tsela ya Bolemirui ka Di-alpaca

Di-alpaca ke diamusi tsa ditšhôtlhi (diphologolo tsa mala a a fetang nngwe) tse di ka falolang maemô a a makgwakgwa a bosa jo bo tsididi ...more