Black Rhino
Tshukudu e ntsho

© Roger de la Harpe

Leina

Tshukudu e ntsho [Diceros bicornis SP – seka diphidi tse dintsi mo Aforika]

Ponalo

Dipoo go 1 200 diliograma mme dikgomo di ka nnang 800 ya dikilograma. Ka jalo mefuta eno ke e me nney ka bogolo fa o e bapisa ler tshukudu e tshweu. Go e farologanya le Tshukudu e tshweu (kgotsa ya molomoo o o khutlonne) ke ka molomo wa yona o o lebeletseng kwa godimo. Kwa ntle ga ditshukudu tse ditshweu, tlhogo e ka gale e e neng e tsholeditswe kwa godimo. Ditsebe ke tse di tshwana ng le trompeta e bile di le nne potokwe thata. Mmu o o e tlwaetseng go ipitika ko go one, ke ona o o tlang go go bolela gore mmala wa letlalo o tla nna jang.

Dijo

Gonne ele e fulang ditlhare, ditlhatsana le ditlama. Fa fela di ka fa tlase ga kgatelelo ya dijo e tla ja bojang. E tsaa dikala le dikalana ka poinama e kwa godimo mme, mme e bo e di sila ka meno fa e tlhafuna. Go ja ga tsona jaaka di dira go fa baitseanape ba tlholego kitso ka gore e ja jang.

Pelego

Go tlhakana jaaka ga e tona le e tshegadi go diralaga ka nako e rile ya ngwaga. Ka nako ya go tlhakana ga e tona e tshadi, e tona e kgotla a tshegadi ka lenaka kwa morago. Go Go tlhakana ga a e tona le tshegadi e ka nna ya fotega ntwa. Dikgokmom di tsala lwa ntlha ka nakong dingwaga di le 5 kgotsa di le 6.

Maitsholo

Fa e siana e ka fitlhelela lebelo le le ka nnang 55 ya dikilomitara ka ura. Ka nako dingwe boloko jwa tshukudu e e sweu bo ka tswalelwa ke jwa e e ntsho. Bontsi jwa mopahto bot la ya ko go nnan teng ga dijo le go tlamela ka metsi. Dipowana tse di nnye fa di iphitlhela di le kwa gare ga dipoo tse di golo di kak feletsa di bolailwe. Dipoo di rata go nan di nosi kwa ntle ga fa e le nako ya go tlhakana le tshadi ka yona.

Di fitlhelwang kwa kae?

Palo ya tsona wetse kwa tlase go tswa go boagi jwa 65 000 ka 1970 go ya di go le 2 400 ka 1995, kaw bofelo fa go dirwa palo ya tsona. Bontsi jwa palo ya ditshukudu tse di ntsho mo lefatcheng e fitlhelwa mo Aforikaborwa, Namibia, Kenya le Zimbabwe. Mefuta e e tsewa jaaka e e tshosediwang that aka polao. Se se dirang gore tshomarelo ya tsona e nne se se bothata, ke gore mefuta ya di tshukudu tse di ntsho ke e mene. Mo go dianyisi tsee di leng teng tseno mofuta o wa tshuduku o wa diragatswa kwa borwa botlhaba jwa Aforikaborwa. Mo go tse di tlhagang kwa mafelong a mangwe, dipalopalo tsa ditshikudu tse di tlisitsweng mo phakeng ya Addo yabosetjhaba yaAforikaborwa ke e nnye. Tse di ngwe tsa di ditshukudu tsa palo e potlana di fitlhelwa le mo dikarolong tsa Bokone Botlhaba ba Aforikaborwa.

Mo karolong ya dintlha

Tshukudu ya Aforika e mo kgatong e nngwe ya ditshukudu ka go nna di fela ka ntlha ya go bolalwa ke magodu a manaka a tsona, mme tlhotlhwa ya lonaka lwa tsona le mosola go feta diretebatsi. Se se dirwa ke tumelo e kwa godimo ya mafelong a kwa botlhabya ya gore e kgona go nna motho maatla l-e gore e thusa batho ka tsa thobalano. Kgwebo e ka se kgone go thibela go fitlha maikutlo a fetoga kwa botlhaba le mororo batho ba ba nsti ba dumela gore e tshwanetse go fedisiwa le batlhokomedi ba diphologolo jalo.