BaZhizo ba Mapungubwe, Limpopo

Ngwao ya Zhizo kwa Schroda (900 AD go fitlha 1000 AD)

©David Fleminger
900 AD e amogelwa jaaka tshimologo ya Dingwaga tsa Tshipi tsa moragonyana mo borwa jwa Afrika. Go santse go na le ngangisano e ntsi mabapi le gore go katswa go ne go na le Dingwaga tsa Tshipi tsa mo bogareng kgotsa nyaa, fela kgang eo ke tla e tlogelela barutegi.
Mo lobakeng lwa rona, re kare fela, ka 900 AD, setlhopha se sentšhwa se ne se setse se fudugetse kwa makgwêlông a Limpopo-Shashe: eleng BaZhizo. Ba tlholegile kwa borwa-bophirima jwa Zimbabwe le botlhaba jwa Botswana tsa ga jaana, fela karolo ya morafe ono e ne kwa bofelong ya fudugela kwa borwa go tlola Limpopo, mme ba tlhoma mošate kwa lefelong le le bitswang Schroda.
Lebaka la phudugo eno ga le a tlhapa. Archaeologists dingwe di bua fa pula e ne e tokafatse mo kgaolong mme seno sa letla balemirui go ka bowa. Bangwe ba re dilo di ntse metsi fela dingwaga di ka nna 100 morago. Thomas Huffman, ka fa go le lengwe, o ntshitse kakanyo ya gore e ne ele kgogelo ya ditlou le lonaka lwa tsona e e gogetseng BaZhizo go kgabaganya noka.

Kgwebisano ka Lonaka

Kgwebisano ka lonaka e ne e itshupile magareng ga Zimbabwe le Lobopo lwa Botlhaba go simolola ka 800 AD, ka jalo boleng jwa setlhokwa seno bo ne bo setse bo bonwe. Ga e sale go ntse (le ga jaana) le thebolelo e e kwa godimo ya ditlou go ralala Limpopo, mme seno ka jalo se netefatsa motswedi o o ikanyegang wa Gouta e Tshweu.
Botshelo jo bo itshekegileng ka tlou bo tllhalosa gape gore ke goreng mafelo-bodulo a BaZhizo a le kgakala le noka, kwa ditloung tse di tshwerweng ke lenyora di neng di tla gataka masimo a bona. Mo godimo ga fao, Schroda e na le bopaki jwa ntlha jwa bodirelo kwa lonaka mo makgwêlông, seno se supa gore BaZhizo ba ne ba betla dilwana tsa lonaka tsa kgwebisano.
Ditalama tsa galase tse di tswang nageng-ntle le tsona di fitlhetswe mo lefelong, mme seno se supa gore BaZhizo ba ne ba na le dikamano le diteišane tsa kgwebisano tsa Arabia mo Lobopong lwa Botlhaba (lo lo leng kwa Bazaruto Archipelago ya Mozambique)
Go na le mafelo-bodulo a le mmalwa a BaZhizo go dikologa makgwêlô a Shashe-Limpopo, fela Schroda ke le le golo. Ka jalo, go fopholetswa fa ele legae la kgosi e e humileng go gaisa, mme ka jalo ke motse-mošate. Bogolo jwa ‘mošate’ ono bo fopholeditswe go ka nna magareng ga batho ba le 300 le 500, ka ba bangwe ba le 1400 ba ba dulang kwa magaeng a a dikaganyeditseng motse-mošate.

Morafe o o Marara

©David Fleminger
Ngwao ya SeZhizo e bonagala e ne ele marara. Ba ne ba rua dikgomo le leruo, mme ba lema le go boloka dithoro. Archaeologists di upolotse gape palonyana ya dibetlwa tse di sa tlwaelagang tsa mmopa tse di neng di supa diphologolo, batho le ditshidi dingwe tse di ntle tse di neng di sena boitshupo.
Go akanywa fa dibetlwa tseno e ne ele karolo ya sekolo sa bojale, mme di ne di dirisetswa go kaetsa dithuto ka ga botshelo, lerato le tiro. Ke setso se se neng se aname go kgabaganya Borwa jwa Afrika.
Gompieno, ga gona matshwao a a bonalang a felo-bodulo jwa Schroda, mme baeti ga baa letlelelwa go ya kwa lefelong (le le sa tshwaiwang) ntle le mokaedi le tetla e e kgethegileng. Go solofelwa fa lefelo le tla bulelwa setšhaba fela fa tikologo e e sa tiang e sena go tsepama le go sireletswa. Schroda e ka mo gare ga melelwane ya Mapungubwe National Park, sekgala fela se se khutshwane go ya botlhaba kwa Mapungubwe Hill ka boyona.

Translated by Nchema Rapoo