Badimo ba batho ba ba buwang seSan gongwe e ne e le banni ba ba ntlha go feta ka fa borwa jwa Aforika, le mafelo a thutamarope e e tsamayang letlha la kwa morago ga dingwaga di le diketekete. Mafelo go tswa 10,000 ya dingwaga tse di fetileng tsa Dingwaga tsa Letlapa tsa kwa Morago di na le dilo tsa botaki le bosupi ba mekgwa le ditsela tsa botshelo tse di di golaganyang le batho ba San ba ngwagakgolo wa 20 San. Gore a badimo ba le bona e ne e le batho ba 'San' ga go itsiwe, jaaka lefoko le le tlhalosang batho ba ba neng ba bua maleme a go ‘tobetsa' mo teng ga leleme la setlhopha sa maKhoisan, mme mafelo ga a senole maleme.
Badimo ba batho ba San ba nne ba nna thata ka go kgobokanya dijalo, go tsoma diphologolo tse di kgolwane le go reya diphlogolo tsa naga tse di nnye. Batho botlhe ba kwa lewatleng, ba ne ba ikantse dijo go tswa mo lewatleng (tlhapi, tlhapi e e legapi le diphologolo tsa kwa lewatleng).
Ba ne ba se na bonno jwa leruri mme ba tsamaya ka mo nageng go ya ka ditlhokego tsa bona. Dingwaga tse di ka nnang 2,000 tse di fetileng, batho ba Khoekhoe (badisi ba ba neng ba tsamaya ba dikologa le dinku le dikgomo tsa bona) le balemerui ba Dingwaga tsa Tshipi (ba ba neng ba na le diruiwa e bile ba jetseng dijalo, ka jalo ba tlhotlheleditse manno a leruri) ba ne ba falala go ya borwa mo Aforika Borwa.
Go tswa mo go batho ba Khoekhoe, ba ba neng ba gokagane ka dibopapopego le ka leleme, badimo ba batho ba San ba ne ba fitlhela botaki jwa go bopa dipitsa. Le fa ba ne ba sa amogela thekenoloji ya go dira ka tshipi e e neng e na le balemirui ba ba Dingwaga tsa Tshipi, dilo tsa botaki ba tshipi kwa mafelo a Dingwaga tsa Letlapa tsa kwa Morago ga a supa gore go na le kgolagano magareng ga batsomi-bakgobokanyi le balemirui.
Go bonala gore batho ba diikonomi tse di farologaneng, ka dinako tsa kgatelelo tsa bokoloniale, dikgotlhang di ne di gatisiwa (sekao, kwa Drakensberg, fa batho ba San ba neng ba nna baitseanape ba go utswa dikgomo le dipitse go tswa go bobedi bantsho le bakoloniale).
Mathata a batho ba San ba kwa sorwa jaaka setso se se farologaneng le setlhopha sa ikonomi gongwe ka ntlha ya dingwaga tse mmalwa tse di lekgolo tse di fetileng, le kutlwalo ya bokoloniale mo ngwagakgolong wa bo17 go ya kwa pele: batho ba ba buwang seSan ba dirilwe makgoba, mme mo mabakeng a mangwe ba bolawa ka bontsi. Ba bangwe ba le bantsi ba ne ba nna badiri mo mafelong a a bonno a bokoloniale le mo dipolaseng, se se tlhodileng tshenyo ya boitshupo ba setso ba batho ba San ba mo borwa kwa tshimologo ya ngwagakgolo.
Gantsi ba ikgatolositswe, le fa e le gompieno, batho ba San ba amogetse ditogamaano tsa ikonomi tse dintsi, go tsheka ka tsa setso le sepolotiki.
Sekao, mo malatsing a segompieno ba ka nna ba ruwa diphologolo (jaaka dipodi, ditonki le dikgomo) mme ba amogetse dikarolo tsa tsela ya botshelo ya go disa. Mabapi le go tswelela ga go pelaelo gore ke ka ntlha ya ditso tsa bone tse di emeng lobaka lo lo telele, tse di thusitseng go bopa tiriso e e kgethegileng mo Kgalagadi e e kgwatata, le pula ya yona e nnye le dithempheretšha tse di feteletseng.
Translated by Lawrence Ndou