Batho ba K2 ba kwa Mapungubwe

K2 – Nnyaa, E seng Thaba (1000 Morago ga loso lwa Kreste – 1220 Morago ga loso lwa Kreste)

©Roger de la Harpe

Go nna teng ga ba-Zhizo kwa Schroda, lefelo leo le ithutilweng sentle ke baepi ba dilo tsa kgale kwa Porofenseng ya Limpopo, bo nnile gone lobaaka la go tswa 900 go ya 1000 morago ga loso lwa Kreste. Morago ga moo, setlhopha se se ntšhwa sa batho se tsene ka mokgatsha, mme se se tlhodile gore ba-Zhizo ba tswe kgaolong ka tshoganyetso.

Bano ba bantšhwa ba tlisitse popo ya dinkgo ya mokgwa le mekgabiso e e farologaneng, e e supang gore ba gokagane le Setso sa Nkwe sa Kopje seo se neng se le teng kwa Zimbabwe le dikarolo tsa bokone jwa Aforika Borwa. Ba tlhomile motse mošate wa bona kwa lefelong leo go sa naganeng le bidiwang K2, ka fa letlhakoreng la borwa la mmoto wa Bambandyanalo.

Ba tsweletse go fekeetsa kgaolo dingwaga tse di 200 tse di latelang. K2, ka jalo, ga e a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le setlhoa sa Himalaya sa leina le le tshwanang, seo e leng thaba ya bobedi e e kwa godimo mo Lefatsheng morago ga thaba Everest. K2 eno e reetswe ka ga thulaganyo ya manno a dinomore tse di latelanang sentle, e e itsegeng jaaka Koms.

Go le matshwanedi go tsaya gore bathibeledi ba kwa mathomong ba gogetswe mo kgamolong ya noka ya Limpopo le tsholofelo e e tshwanang ya ditlou di aefori eo e gogetseng ba-Zhizo. Bopaki jwa baepi ba dilo tsa kgale gape bo supile gore pula e oketsegile mo pakeng eno, go dira gore bolemirui bo nne itshegetso.

Bosupi jwa Temothuo

©David Fleminger

Ka kakaretso, setso sa K2 e ne e le kgang e e thata go feta ba-Zhizo bao ba ikokobeditseng. Kwa godimo, K2 e ne e le legae go batho ba 1500, mme gongwe e ne arotswe ka ‘metsesetoropo’ e mmalwa e e rulagantsweng go dikologa motse o o bogareng. Kgosi e e maatla gongwe e ne e busa bonno, le dikgosi le dikgosana tsa botlhanka,tseo di neng di dira ka fa tlase ga gagwe. Motse mošate wa K2 o ne o taologile mo kgaolong e e ka nnang dihektara tse 5, mme palo e e nnye ya metse e e mmalwa le yona e ne e tlhomilwe go ralala lefelo.

Go farologana le Zhizo, le fa go ntse jalo, metse e e kwa mathokong gantsi e ne beilwe mo merwaleleng e e itshekileng e e nonneng ya Limpopo. Go na le bopaki jwa gore batho ba K2 ba ne ba dira boiphediso jo bo tswakilweng jwa temothuo. Ba jetse lebelebele, mabele, dinawa, lephutshe le magapu, mme ba ne ba ruile dinku, dipodi le dikgomo. Gongwe gape ba ne ba tsoma go oketsa dijo tsa bona.

Go akanywa gore bonno jwa K2 bo ne bo rulagantswe go dikologa ka Paterone ya Dikgomo tse di leng Bogareng e e leng moanelwa wa bonno jwa Bantsho wa dingwaga tsa tshipi go kgabaganya kontinente e potlana. Go e nolofatsa, thulaganyo e ya sebaka gantsi e ne e na lesaka la bogareng la dikgomo dintlo tsa bojang di rulagantswe mo tikologong ya sedikiso.

Go baya dikgomo mo bogareng jwa motse e ne e le bobedi ka tlhamalalo le letshwao la; popego e e bonalang mo go tsa sepolotiki le botlhokwa mo go tsa loago la dikgomo mo mofuteng o wa setšhaba. Dikgomo di ne di dirisiwa go duela dituediso-kotlhao, go bona manyalo (bogadi), go rarabolola dikgotlhang le go bontsha botshepegi mo kgosing. Totatota, maatla a monna ka tlhamalalo a ne a lekalekanngwa go palo ya dikgomo tseo a neng a na le tsona.

Diphitlho tsa K2

©David Fleminger

Kwa K2, lesaka la dikgomo le le bogareng le pakiwa ke bontsi jwa ya boloko, le dintlo tsa bojang tse di setseng di rulagantswe mo tikologong e e gaufi. Matlo kwa K2 go akanngwa gore a ne a rulagantswe ka sediko, le mabota a daga (motswako wa seretse le boloko). Bodilo e ne e le kgwarapana kgotsa mmopa le borulelo e ne e le bojang ka bojang jwa selegae. Seno e ne e le kitso ya mosadi, mme go feta 90 ya mabitla a ne e epilwe mo tikolong eno ya basadi.

Banna, go ya ka karolo ya bona, go ka tswa ba ne ba bolokilwe teng kgotsa gaufi le lesaka la dikgomo. Diphitlho kwa K2 gantsi si ne di sala kwa morago mokgwa o o amogelesegang o o tlhomameng. Ditopo di ne di bolokilwe ka maemo a go robala le ditlhogo le lebile bophirima, mo letsatsi le welang. Basadi ba ne ba fitlhelwa bo robatse ka letlhakore la molema, mme fa banna ba ne ba ne ba robetse ka letlhakore la moja (letlhakore la bogolo).

Mabitla a mmalwa a “diphitlho tsa diphologolo” a sa tlwaelegang a ne a na le marapo a thubegileng a diphologolo le popo ya dingko le tsona di ne tsa fitlhelwa, mme go akanngwa gore di na le tlhaloso ya tsa semowa tse di botlhokwa. Marobalo kwa K2 a ka bo a ne a arogantswe go ya ka maemo a loago. Batho ba neng ba sa nyala ba neng ba phela mmogo mo pele ga bonno mme baeteledipele ba ba maatla ba ne ba beilwe kwa tlhogong ya lesaka, kgakala le batho bang. Jaaka bonno bo gola, tlhatlhamano e ya loago e tla begwa sentle.

Translated by Lawrence Ndou