Batfish

© Jean Tresfon

Leina la Mophato/Lelapa

Batfish

Leina la Matshamekwane

None

Leina la Maranyane

Ephippidae

Semeto

E ka nna 50 cm

Ponalo

Semeto sa boteng le botelele ba mmele wa yone bo batlile bo nna maleka. E bophara ka sebopego. Mogatla wa mokwatla le wa kwa morago o batlile go nna meleka ka sebopego sa kgutlotharo. Di mmala wa silifera e e phatsimang ka mafelo a a mmala wa lephutshe le methalo ya mabanta a a elelang kwa godimo a a borokwa kgotsa bontsho.
Matlho gantsi a bulegile mme o ka a bona mo nngwe ya mabanta ao e le tsela ya go iphitlha. Tse dingwe tsa leloko la dibopiwa tse dibonala ka megatla ya mokwatla le ya kwa morago e metelele mme e supile.

Dikitsiso

Lelapa la Ephippidae le na le mephato e 7 ka mefuta ya dibopiwa dile 20. Spadefish le yone e ya akaretswa mo lelapeng le. Gantsi di bonwa ka ditlhopha fa thoko ga di’reefs le mo dikepeng tse di nwelletseng. Bangwe ba e tshwantshanya le Angelfish. Gantsi e ka ikatumetsa go baitatlhela metsing fa go seng boteng thata. Pelagic spawners.

Dijo

Bontsi ba dibopiwa tse di fepa ka algae le di’invertebrates tse dinnye, diboko, di’sponges, morogo wa lewatle (seaweed), zoantharians le gorgonians. E ja merogo ga mmogo le nama (omnivores).

Anamiso

E bonala mo mawatleng a a thotseng a mafelo a a mogote a dipula mo lefatsheng.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Longfin batfish - Platax teira
Spadefish - Tripterodon orbis
Shaded batfish - Platax pinnatus