Basadi ba Bantwane

Meano wa Bantwane

©Dr Peter Magubane

Basadi gantsi ke bona ba tsholetsang le go bontsha meano e e sa fetogeng ya Bantwane. Meaparo ya bona, dilwana tse ba di tlhagisang le meetlo e ba e dirang di tiisa karolo ya bona e ba e tshamekang jaaka batshodi ba setso le batsweletsi ba ekonomi ya metse-selegae mo motlheng wa phetolelo-setoropong le mo go sa nneng teng ga banna ba bona, bontsi jwa bona ka ge ba monyeletswe ke thulaganyo ya khudugo ka ntlha ya tiro.

Jaaka tlhatlhobo e e tseneletseng ya setlhopha seno se go sa gatiswang go le kalo ka ga sona e senola, boitshupo jwa sona jaaka setlhopha sa ngwao e e itshupileng bo gokagane ka go bofagana le histori ya maloba le ya gompieno ya Afrika Borwa.

Meaparo ya Setso

©Dr Peter Magubane

Le fa sebopego sa khiba ya fa pele (thetho) e e aparwang ke basadi ba Bantwane le ba Bapedi se tshwana, e farologana fa go tliwa mo mekgabisong.

Go sa tshwane le dingata tsa Bapedi, tse di ngapangapilweng ka diphêthêne tsa meroko e e fapaanang, boalô jwa dikhiba gantsi bo borethe ntle fela le go nna teng ga dikgabisi. E tlhagiswa gotswa mo letlalong la podi kgotsa gangwe le gape gotswa mo letlalong la poo, dikhiba tsa fa pele le tsa fa morago ke sesupo sa legato le le botlhokwa thata mo botshelong jwa mosadi wa Montwane: seêmô sa gagwe sa nyalô mme kwa bofelong kamogelo ya gagwe jaaka mosadi yo o godileng mo setšhabeng.

Khiba ya fa pele e kgabisitswe ka bonnye; sekgabisi sa bona se se tlwaelegileng thata ke mogatla wa setlhora: sekgabisi se se tshwanang le rosette se se nang le ditshekeletsa tse gantsi di kgabisitsweng ka ditalama tse tshweu ka fa ntle, le tse ntsho kgotsa tsa mmala wa loapi mo ditshekeletseng tsa ka fa gare, le tse di khibidu le tse tshweu mo bogareng.

Setlhora se bonagala fa sena le botlhokwa jo bo boitshegang go Bantwane ka ge se tlhagelela mo bontsing jwa meaparo ya bona ya setso, mme se aparwa mo tlhogong.

Khiba ya kwa morago (ntepa) e e aparwang ke basadi ba Bantwane e bopegile go tshwana le V e e lebileng kwa tlase, e e bopilweng ka phatlhana ya khutlotharo, e e apesitsweng dikhurumetsi tsa letlalo tse di fokotsegalang goya tlase (lekobe).

Mo Bapeding, sebopego seno se tlhalosiwa fa se emetse serwe sa bosadi, fela baithuti ba Sentwane ba dumela fa se emetse maoto a kwa morago a podi. Tseno ka bobedi di tshitshinya kgolagano le botsadisi jwa basadi. Kgatelelô mo seabeng sa basadi ba Bantwane jaaka babelega-bana e bona sebopego sa yona se se bonalang go gaisa mo dimpopong tsa gimwane – dimpopo tsa setso tsa botsadisi tse di betlwang gotswa mo tlhaleng ya sisal, wulu le ditalama.

Bokgoni jwa go tlhagisa dimpopo tseno bo fetisetswa gotswa mo go mme goya go morwadi. Basetsanyana ba itira okare dimpopo ke bana ba bakapelo ba bona, ba ba laletswang go tla go tsaya karolo mo kgaisanong ya motanso, ditlamorago tsa seo di sweetsa moeteledipele wa setlhopha sa bogammana. Basimanyana gantsi ba kgobakana kwa legaeng la mongwe wa basetsanyana, yo a bayang gimwane nngwe le nngwe mo moleng.

‘Borre’ le ‘bomme’ ba dira mela ele mebedi mo letlhakoreng lengwe le lengwe la dimpopo mme ba bine le balekane ba bona. Mofenyi, jaaka a atlholwa ke motsadi, o amogela letlalo la podi jaaka sekgele. Gantsi basimanyana ba bangwe ba tsenela kgaisano ya ntwa go netefatsa moeteledipele wa nnete mo gare ga bona.

Megala ya letheka ya ditalama tse di mebalabala mo karolong e e kwa tlase ya gimwane gantsi e rulaganngwa ka phêthêne ya mmala wa setso: megala e mesweu ele mebedi fa godimo, e selwe morago ke ole mongwe o mohibidu, ole mongwe wa mmala wa loapi, ole mongwe o o pinki mme nako dingwe ole mongwe o mosweu kwa tlase.

Thulaganyo-mmala eno e tshwantshanya e e rwalwang mo lethekeng ke ya basadi ba Bantwane ba ba rupileng le ba ba nyetsweng. Tshweu, khibidu le mmala wa loapi kgotsa o montsho ke mebala e e tlwaelegileng mo Bantwaneng, ka ntlha ya kgolagano ya yona le mefuta ya mmu (jaaka letsoku le le hibidu), e go dumelwang fa e na le maatla a phekolo a a maranyana.

Dimpopo tsa Botsadisi

©Dr Peter Magubane

Le fa dimpopo tsa botsadisi di sena sesupo sa bong jo bo rileng, bong jwa digimwane tse dingwe bo ka swediwa ka dipopegô tsa dikhiba tsa fa pele le tsa kwa morago. Gimwane ya senna gantsi e nna le ditshega tse di rectangular fa dimpopo tsa sesadi di ka supiwa ka dikhiba tsa sebopego sa V, tse di emetseng ntepana (khiba ya kwa morago) e e aparwang ke basetsana ba ba iseng ba rupe ba Bantwane.

Dintlha tse di jalo tsa setso di tsweletse go nna sewelo ka go oketsega mo dimpopong tsa gimwane, ka go thulana le go tlalatlala ga mekgabiso e e fitlhelwang mo dimpopong tse di tlhagisiwang ga jaana. Seno ka bogolo ke ka ntlha ya gore gimwane ga e sa tlhole e totane thata le bosupi jwa ngwao. E fetotswe serikiswa, mme e fetofetotswe go tshwanela keletso ya kgabiso go kgotsofatsa mmaraka wa yona o ka bogolo eleng wa batho-basweu.

Translated by Nchema Rapoo