Angelfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato/Lelapa

Angelfish

Leina la Matshamekwane

Ga le teng (None)

Leina la Maranyane

Pomacanthidae

Semeto

E ka fitlha go 60 cm, fa gantsi di ka nna 25 cm.

Ponalo

Mmele wa yone o bophara mme o sephaphathi. Molomo wa yone o monnye. Mogatla wa kwa mokwatleng one o botona fa wa kwa morago o le bokgolokwe kgotsa moon-shaped. Mmala wa tsone o ka farologana fa tse dingwe dile mmala wa silifera le bosetlhana, tse dingwe di ka nna le mebala ya motshe wa badimo (Rainbow Colours).

Dikitsiso

Lelapa la Pomacanthidae le na le mephato e 7 ka mefuta ya dibopiwa di ka nna 86. Tse dikgolwane di ka nna bogale. Di matlhagatlhaga motshegare. Tse dingwe di ka nna dile esi, fa tse dingwe di ka nna le balekane kgotsa e nne le bonno ba e e namagadi (harem). Tse dingwe ke diphepafatsi tsa ditlhapi tse dingwe fa dile dinnye. Mmala ya yone o fetoga thata fa e nna ya mogolo. Di itsege jaaka di ‘Pelagic spawners’ se se rayang gore di tsalla mo metsing a lewatle.

Dijo

E fepa ka zooplankton, di’benthic invertebrates, di’sponges, algae le di’hydroids.

Anamiso

E bonala gantsi mo metsing a a mofuthu a mawatle a lefatshe.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Regal angelfish - Pygoplites diacanthus
Semi-circle angelfish - Pomacanthus semicirculatus
Emperor angelfish - Pomacanthus imperato