Wild Ginger

© Ton Rulkens

Leina

Wild Ginger or Natal Ginger

Leina la se Latini

Siphonochilus aethiopicus

Ponalo

Mmudi wa kutu ya Wild Ginger o nkga fela jaaka ginger e re e tlwaetseng, mme e na le tatso e e tswanang le yone. Wild Ginger ke e nngwe ya leloko la lelapa la ginger e e tsholang matlhare a mantsi, a a tlhogang fa e sena go thunya. Dithunya tse di na le monko wa tsone, mme di ka nna 60-80mm ka bophara, mmala o bosetlha ba pinki kgotsa ba phephole mme di tlhagelela gaufi le lefatshe. Le fa e le gore dithunya tsa sone di ka nna letsatsi fela, sejalo se ka mela dithunya dile 25 go tloga ka kgwedi ya Phalane go fitlha kwa Ngwanatsele. Modi wa wild ginger o dirisetswa mereana ya mofiklela mme go bonala o nyelela ka pele kwa sekgweng.

Bonno

Sethunya se se ka bonwa se mela mo mafelong a a nang le mafika kwa sekgweng sa Afrika Borwa, le fa e le gore bontsi ba mafelo a se neng se bonwa kwa go one ga a sa tlhole a se bona.

Di-Field Notes

Sejalo sa Wild Ginger se na le ditiriso di le dintsi tsa mereana ya setso, go akaretswa le tiriso ya sone mo meetlong ya setso. Ka lebaka le, sejalo se se kotulwa ka bontsi mo nageng e bile go bonala se setse se batla go nyalela. Go dumelwa fa se setse se nyeletse gotlhelele kwa sekgweng sa Kwazulu-Natal. Go leng jaalo, go na le batho ba le bantsi ba ba setseng ba se lema go nnetefatsa tswellopele ya sone.
Sejalo se se dirisiwa ke batho ba kwa Zululand jaaka more wa tshireletso kgatlhanong le go tlhaselwa ke tladi le go tlhaselwa ke dinoga. Fa kutu le rhizome ya sone e ka jewa go phekola khupelo (asthma), hysteria, mokgutlhane le mofikela. Wild ginger a tlhafuniwa ke basadi ba baSwati ga ba bona setswalo (menstruation), mme baSwati botlhe ba se dirisetsa phekolo ya Malaria.