Vredefort ka Dingwaga tsa Tshipi

© David Fleminger

Dithekenoloji tse Dintšhwa

Dingwaga tsa tshipi di ne tsa tliswa ka fa Borwa jwa Aforika ke Bantsho, ba ba neng ba goroga go tswa kwa Bokone. Bafaladi bano ba tlile le dithekenoloji tse dintšhwa, tse di jaaka ditshipi, temothuo le diphologolo tsa fa gae, e bile ba itsiwe ka go nna kwa bokone jwa Aforika Borwa ka 500 Morago ga Loso lwa Kreste. Eno ke tshimologo ya Nako ya Pele ya Dingwaga tsa Tshipi mo kontinenteng tlase.

Jaaka ba phatlalala go ya borwa, Bantsho ba simolotse go farologanya mo ditlhopheng tse di farologaneng, sengwe le sengwe le leleme la bona le setso se se ikaegileng ka medu ya tlwaelo ya ‘Botho’. Mo magareng a naga, batho ba ba nnile merafe ya Basotho-Batswana bao ba nnang mo lefelong le gompieno. Kwa lewatleng, ba ne ka nna ditšhaba tsa Maswati, Mazulu le Mathosa.

Dingwaga tse di Thari tsa Tshipi

Ka 1300 Morago ga Loso lwa Kreste, mokgatlho wa loago le diphitlelelo tsa thekenoloji tsa Bantsho bo ne bo tsweletse pele go nna le dikerii ya gore re supa paka e jaaka Dingwaga tse di Thari tsa Tshipi. Mo nakong eno, merafe ya pele ya Basotho-Batswana e ne e tlwaetse go nna mo mafelobonnong a dipota tse dikgolo, ka dinako dingwe a na le dipalopalo tsa batho ba le dikete. Paterone eno e ne ya supiwa la ntlha kwa mafelong a jaaka Mapungubwe, nngwe ya mafelo a Boswa a Lefatshe mo Aforika Borwa. Mo dingwageng tsa bo1800, mafelobonno a mangwe a a godile go nna metsesetoropong le batho ba fetang 15 000. Sekao toropo e e botlhokwa ya Kaditshwene, e ne ya tlhaloswa ka gakgamalo le tlotla ke basweu ba mo tikologong.

Mafelobonno a ka nnang dingwaga tshipi tse 10, ka dibopego tsa tsona tsa dipota tse di omileng tsa letlapa, di supilwe mo kgaolong ya Kgolokwe go fitlha ga jaana. Ga go epe ya tsona tse di neng kgolo tota, mme di ne di bolokilwe sentle ke baithutatlapa ba ba rotloeditswe ka ga tshireletso ya tlaleletso le mmalwa tsa go oketsa tshireletso le kepo ya ditheo tse di setseng.

Mafelobonno a kwa Vredefort

Thulaganyo ya mafelobonno a kwa Vredefort e goeletsa Paterone e e Bogareng ya Lesaka la Dikgomo e e neng e bonala mo nageng yotlhe ka nako eo. Se ke mokgatlho wa lefelo la dintlo tsa bojang go dikologa lesaka le bogareng la dikgomo, mme ya tlhagisa tatelanong ya bosetšhaba mo dikgomo e neng e le letshwao la khumo le maemo. Ka jalo, kgosi e ne e nna kwa tlhogong ya lesaka mme dintlo tsa bojann tsa morafe wa gagwe di ne di rulagantswe go ya ka thulaganyo ya phologelo ya botlhokwa mo go dikologa molelwane.

Lesaka la Dikgomo e ne e le bonno ba monna, mme ba ne ba kopanela mo gore kgotsa gaufi le lesaka go rarabolola dikgotlhang kgotsa go buisana ka ga molawana wa motse. Ka Sesotho, karolon e e bidiwang ‘kgotla’ (lefelo la go kopanela). Go ya ka setso, banna ba ne ba fitlhiwa mo lesakeng la dikgomo.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, bonno ba mosadi e ne e le legae – ga go dimakatso fao. Ntlo nngwe le nngwe ya bojang e ne e akaretsa lelapa fa pele go amogela baeng mme morago ga lelapa bo baakanya dijo. Ka setso basadi ba ne ba bolokiwa mo lefelong la boapeelo fa morago ga ntlo ya bojang.

Mafelobonno a Dingwaga tsa Tshipi

Dipopego tse dingwe tse di tlwaelegileng tsa dingwaga tsa tshipi kwa Vredefort di akaretsa mesima ya dithoro, dithotobolo tsa boloko (matlakala le dintlha tsa molora) le dipolokelo tse di tsholeditsweng. Manathwana a dipitsa tsa mmopa tse di thubegileng, dijana tsa polokelo le matlapa a go sila a fitlhetswe mo mafelong ka bontsi.

Ka maswabi, dipatlisiso tsa thutamangope tsa mafelobonno a Bantsho mo nakong ya dingwaga tsa tshipi di ne di sa tsewa jaaka tse botlhokwa ka dingwaga tsa puso ya tlhaolele, jaaka hisetori nngwe le nngwe e e akaretsang bantsho di ne di tsewa e se tse botlhokwa kgotsa bokgoni ba go tlhagisa kotsi. Ka jalo, bontsi ba mafelobonno a kwa Vredefort ga a kake a tlhatlhobiwa sentle ke barutathuto ba ka nako eo. Maikutlo a fetogile thata mo dingwagasomeng tse di mmalwa tse di fetileng, le fa go ntse jalo, patlisiso mo mafelobonnong a dingwaga tsa tshipi le setso jaanong jaana di a gola go ralala Aforika Borwa.

Nngwe ya mesima ya pheteletso mo bošeng jaana kwa kgaolong ya Vredefort e diragetse kwa lefelong le le bidiwang Askoppies (Lekgabana la Molora), ka jalo di reetswe ka ntlha ya makgolokgolo a dithotobolo tsa molora tse di fitlhetsweng mo go dikologeng lefelobonno. Lelapa la Askoppies le ne le atologile mo godimo ga kgaolong ya sekwere sa dikhilometara di le mmalwa, e e nang le 8 go ya go 15 ya diyuniti tsa mafelobonno a a farologaneng. Nngwe le nngwe ya ‘metse setoropo’ e e ikemetseng e tshwailweng sentle ka motseletsele wa dipota tsa matlapa tse di bopegileng jaaka kgapetla tse di notleletseng mmogo, e e tlhalosang molelwane wa kwa ntle wa mafelobonno motho mme a kgaogantse diyuniti ka bongwe tse ka fa teng. ‘Dipota tse di omileng’ di tlhodilwe ka go tlhatlagantsha mafika ka kelotlhoko a a fitlhelwang mo tikologong, mme seretse se ne se sa dirisiwe gantsi. Gakologelwa gore dipota tse e ne e se karolo ya ntlo ya bojang, e e neng e dirilwe ka mmopa kgotsa seretse, mme bogolo jaaka legora la tshingwana e e neng e tsamaya mo gare ga matlo.

The Batho ba kwa Askoppies

Go tlhola letlha le dithoto tse di fitlhetsweng kwa Askoppies go supa gore lefelo le ne le na le banni go tswa ka bo1680 go ya pele ka bo1800. Palo e e kgolo ya difala tsa mabele, di fitlhetswe bobedi ka fa morago ga matlo le mo kgaolong ya lesaka le le bogareng, e supa gore ba ne ba roba mabele le ditlhaka ka katlego e e boitshegang. Mabele a akanywa gore a nnile sejalo se se golo.

Le fa dikgomo di ne di tlotlwa jaaka mofuta wa madi, gape di ne di jewa ke batho ba Askoppies, mmogo le diphologolo tse dingwe tsa legae, jaaka dinku, dipodi le dikgogo. Le fa go ntse jalo, diphologolo tse di tlhaga, jaaka steenbok, pitse le phala, e nnile bokana ba 50% ya phepo ya tsona, ka jalo go tsoma e ne e sa ntse e le tiragalo e e botlhokwa. Diphologolo tse dinnye (mmutla, khudu le kgaka) le ditlhapi tse di tswang mo nokeng di ne di jewa.

Go ya ka intaseteri, Askoppies e tsamaisana le mafelo a mantsi a dingwaga tsa tshipi go ralala lefatshe. Didiriswa tsa marapo le letlapa di ne di bonwe, go akaretsa le difala le dinalete, tse di neng di supa gore batho ba ne ba rulaganya le go diragatsa matlalo (bobedi ka letlalo la dikgomong le matlalo a nkwe le lengau). Dilo tsa sebele tsa go ikgabisa, jaaka mefitshane ya aefore, dipheta tsa galase le dikgapetla tsa dithsedi tsa lewatle, di ne tsa fitlhelwa, mme matshwao a a batlegang a thata a maemo a tshitshinya gore batho ba Askoppies kwa molelwaneng ba ne ba na le seabe mo go tsa kgwebo tse di tseneletseng le dikgolagano magareng ga bogare le lebopo la kwa botlhaba. Mangena a kopore le o na a ne a epiwa, mmogo le masalela a dipetlwana tsa tshipi le marumo, tse di bontshang gore batho ba ne ba dira ka tshipi le go betla ka yona.

Askoppies ga jaana e mo lefatsheng la poraefete mme e ka fitlhelelwa ke balaola maeto ba ba letleletsweng ba ba amogetseng tumelelo go tswa go mong wa polase go etela lefelo.

Translated by Lawrence Ndou