Vlei Bristlegrass

© Roger Voysey

Leina

Vlei bristlegrass

Leina La Se-Latin

Setaria incrassata

Ditiriso

Ke tlhaga e e jegang fela thata mme ena le ntshô e e siameng ya matlhare.

Thanololo

Vlei bristlegrass ke tlhaga e e lelêdu e e kitlaneng mme e tshela sebaka, ka medikgolo e mekima e le mekhutshwane. Thunya-kakaretso ke ngatana ya sethunya e e kitlaneng e okareng ke kalana, gantsi ka ntlhana e e motsu. Kgatla e telele mme e kgolokwe. E mela go ralala tropical Afrika le kwa Madagascar.

Tulo

Vlei bristlegrass gantsi e mela mo mafelong a a bongôla jaaka ditsobôtla le dintshi tsa noka, mo mmung wa seloko se sentsho. E fitlhelwa gape kwa ntlenyana ga dikgwa mme nako dingwe kwa dithoteng tse di matlapa, gantsi mo mmung o ô nonneng. E mela go ralala tropical Afrika.

Thunyô

Diphalane - Motsheganong