Tshupô ya Thwane

©Karl Svendsen
Thwane (Felis caracal caracal) e tsaya leina la yona gotswa mo lefokong la se- Turkish “karakula”, le le rayang gore tsebe e ntsho. Jaaka leina le kaya, lemorago la ditsebe tsa katse eno ya naga le lentsho, mme fa godimo ga tsona ke bontlhana jwa meritshana e meleele e mentsho ele mentsintsi.
Thwane e na le boboa jo bo khutswane jo bo kitlaneng, jo bo farologanang ka mmala gotswa go wa motlhaba o o setlhefetseng goya go o o borokwa jo bo tseneletseng jo bo khibitswana, go ikaegile ka kgaolo. Dithwane di na matshwaonyana a mantsho le bosweu mo sefatlhegong, le dimpa tse tshweu ka dikôlô tse khibidu. Dithwane tse di ntsho mmele otlhe le tsona di bonwe.
Dithwane tsa tona di dikgolo le bokete go feta tsa tshegadi, ka boleele jwa magareng jwa diphologolo tseno jo bo farologanang magareng ga 75 cm goya go 120 cm, fa bokete bo farologana gotswa go 8 kg goya go 18 kg. Maoto a tsona a kwa morago a kwa godingwana go feta magetla a tsona, mme seno se di letla go tlola goya bogodimong jo bo ka fitlhang go di-meter di le tharo. Di na le megatla e mekhutswane e e metang magareng ga boleele jwa 15 cm le 35 cm.
Motlhala wa kgatô ya kwa pele o monnye go se nene go wa kgatô ya kwa morago mme ga o akaretse matshwao afe kgotsa afe a manala.
Ke diphologolo tsa phelanosi, ntle fela le ka paka ya tsadisano fa ditona di ka bonwang teng le ditshegadi kgotsa ditshegadi le bana ba tsona. Paka ya go dusa e boleele jo bo ka nnang malatsi ale 80, mme ditshegadi di tlhagisa magareng a dikatsana di le pedi ka tlhatsô nngwe le nngwe. Go tsaya sebaka sa malatsi ale 10 gore matlho a dikatsana a bulege gotlhelele. Di kgweswa fa di le dibeke di le lesome mme di dula le mmaatsona go fitlha sebaka sa ngwaga.
Go na le dikgatiso tsa thwane e e tshetseng sebaka sa go fitlha dingwaga di le 19 mo kgolegelong, ka jalo di tota di ka gola sebaka. Ga se diphologolo tse di sireleditsweng semmuso mo Afrika Borwa.
Goya ka website ya Tenikwa, puo ya bogologolo ya gore “Go beya katse mo gare ga maebarope” e tswa mo mokgwa-tirisong wa kwa Botlhaba-Gare jwa maloba, mo thwane e neng e bewa mo seraleng le segopa sa maebarope mme batho ba beeletsa mo goreng ke maebarope ale makae a thwane e tlileng go a tshwara fa e sena go gololwa.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Nigel Dennis
Dithwane ka tlwaelô ke dibata tsa bosigo, fela di na le go dira motshegare ga di sa kgoreletsege. Taologo ya magae a ona e ka nna sengwe le sengwe gotswa go 400 ha goya go 10 000 ha go ikaegile mo go nneng teng ga dijo, ka taologo ya lefelo la tona gantsi e ralala ya ditshegadi di le pedi kgotsa go feta.
Di tlhasela mefutafuta ya diamusi, nako dingwe le tse di kgolo mo go tsona. Setlhaselwa se nanabelwa ka bogautshwane mme se tlhaselwe, se tshware ka fa tlase ga kgokgotso le go hupetswa. Batswasetlhabelo ba ka nna le matshwao a melongô ka dintho di le pedi tsa go longwa mo matlhakoreng ka bobedi a kgokgotso, mme go ka nna le matshwao a manala, mo legetleng, moeng kgotsa karolong ya mmele e e kwa morago ya setlhaselwa.
Go ka bolawa go feta phologolo ele nosi ka motsi wa tsongô, fela go tlile go jewa ele nngwe. Letlalo le tlile go tlhafunwa fa karolwaneng ya matseno, mme go se nne le karolwana ya nama e e salang jaaka mo lobakeng lwa phokoje. Go ja gantsi go simolola kwa lemoragong le bogareng jwa leoto la kwa morago, fela nama ya sehuba le ya legetla e ka tsewa. Boboa le meritshana di ka kutwa pele go jewa.
Ga di robe kgotsa go tlhafuna marapo a magolo, kgotsa go ja mala a phologolo. Setlhaselwa se ka khurumetswa nakwana ka dimela kgotsa mmu, mme go ntse le dipego tsa dithwane tse di bolokang ditlhaselwa tsa tsona tse di bolailweng mo ditlhareng, jaaka dinkwe di dira.

Taolô

©Nigel Dennis
Goya ka Predation Management Manual, thwane e ka bopa tatsô ya leruo, segolo thata dinku le dipodi, fela seno se ka thibelwa ka legora kgotsa go tlhatlhela diruiwa mo lesakeng. Matlapa a tshwanetse go pakelelwa ka fa tlase ga legora go thibela diphologolo gore di se gagabe ka fa tlase ga lona, mme go tsenngwa ga megala ya motlakase go tlile go tiisa kgatô-tsereganyo. Dikobi tsa modumo, lesedi le monkgo, badisa, lebantê la phologolo le diphologolo tsa tiso, tse di jaaka tonki kgotsa dintša tsa Anatolian le tsona di ka thusa.
Go samagana le mathata a tlhaselo-ruo, dirai di ka dirwa fa go bolaetsweng teng - segolo thata fa go ise go kgoreletsege - kgotsa mo ditseleng tse di dirisitsweng ke dithwane. Kgotsa, thwane e ka tsongwa bosigo kgotsa ka dintša, fela dintša ga di a tshwanelwa ke go letlwa go kgoma thwane ka gope.

Translated by Nchema Rapoo