Tshupô ya Kolobe ya Naga

©Ann Gadd
Dikolobe tsa naga, Potamochoerus larvatus, di fitlhelwa gotswa kwa dikarolong tsa Afrika Borwa tse di kwa bokone le botlhaba go simolola kwa borwa jwa KwaZulu-Natal, nagagare ya Free State, le Kapa Botlhaba goya Kapa Bophirima. Goya ka A conservation assessment of Potamochoerus larvatus ya South African National Biodiversity Institute and Endangered Wildlife Trust, dipalopalo tsa diphologolo di farologana magareng ga diphologolo di le 0,3 le di 0,5 mo square kilometre sengwe le sengwe, le katologo ya legae e e farologanang magareng ga 3,8 km² goya go 10,1 km² go ikaegile mo go nneng teng ga dijo.
Jaaka go kaiwa ke leina, dikolobe tsa naga di na le tebego le mothale tse okareng ke tsa kolobe. Di na le mebele e e boboa ka bontlhabongwe jwa boa mo dintlhaneng tsa tsebe. Boboa jwa mo sefatlhegong gantsi bo setlhefetse go na le jwa dikarolo tse dingwe tsa mmele. Tse di godileng di ka gola go fitlha kwa boleeleng jwa 1,7m le bokete jo bo ka nnang sengwe le sengwe go tloga go 46 kg goya go 115 kg.
Di nna le molekane ale esi, mme ditlhopha ka kakaretso di bopwa ke namagadi e e tsadisang ele nngwe, tona ya mosimolodi ele nngwe ga mmogo le tshika kgotsa di le pedi tsa dikokomane. Dinamagadi di siamela botsadisi go simolola fa di le dikgwedi di le 21 ka bogolo, mme di tlhagise go fitlha go dikolojane di le thataro ka tlhatsô. Dinamagadi di aga dintlhaga gotswa mo tlhageng.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Nigel Dennis
Goya ka Predation Management Manual, dikolobe tsa naga di matlhagatlhaga go gaisa bosigo, fela di ka bonwa ka diura tse di rurufetseng tsa letsatsi fa di sena kgoreletso. Ke dijagotlhe, di dirisa sefeno sa tsona se se tiileng go epolola meditona le digwere. Le fa di kaiwa fa ele disenyi mo dipolaseng dingwe tsa mmopo, ntšhê, maungo le mmuru, ga se gantsi di tlhasela leruo la temôthuo.
Go tshwana le ditshwene, ga di sele morago mokgwa o o rileng wa polao, mme gantsi di dirisa manaka a tsona go kgagamolola setsongwa sa tsona. Di ja setoto se ka nna sotlhe mme ke baji ba ba bosutlha.

Taolô

©Nigel Dennis
The Predation Management Manual e gakolola gore balemirui ba ka thibela ditshenyego tsa dijalo le leruo ka magora a a agilweng sentle, a a nang le bonnye megala ele mebedi e e nang le motlakase. Kgotsa, balemirui ba tshwanetse go tlhatlhela diruiwa tse di mo kotsing mo lesakeng bosigo, kgotsa ba dirise badisa, diphologolo tsa tiso kgotsa dikobi tsa modumo, lesedi kgotsa monkgo go thibela ditatlhegelô.
Dirai tse di tswalegang tse di tsamaelegang di a tsitsinywa go tshwara dikolobe tsa naga. The Predation Management Manual e gakolola balemirui go dirisa tsietso ya pejana go tlwaetsa dikolobe dirai le go bona ditshwaro di le mmalwa. Ka lekwalotetla le le maleba, dikolobe tsa naga di ka tsongwa ka dintša kgotsa bosigo. Dintša tse di tsomang, ka mabaka a loago lwa diphologolo, ga di a tshwanela go nna le kgolagano ya senama le dikolobe tsa naga.

Translated by Nchema Rapoo