Tsela ya Robben Island ya Poelo-Mannong

Kgato ya ntlha go ya kgololosegong

©Eric Miller
Ka 1986, melawana e le mmalwa ya molaotheo wa tlhaolele e ne ya busetswa morago, jaaka wa Molao wa Manyalo a Batho Ba Mmala yo o Sa Tshwaneng le Melao ya Pasa e e tlhoilweng ka go fetisa. Kwa bofelong, ka 1990, mo kgamarêgông le boitumelong tsa batho, dikiletso kgatlhanong le makoko a kganetso jaaka ANC le PAC di ne tsa khutlhiswa mme Mandela o ne a gololwa.

Dingwaga go tloga ka 1990 go fitlha ka ditlhopho tsa ntlha tsa temokrasi tsa 1994 e ne ele tsa histori. Gone go na le dikgwedi-kgwedi tsa dipuisano tse di lwetsweng ka thata le maiteko a magogela-thoko a kwa mojeng a go etsaetsegisa naga. Kwa bofelong, kgatlhanong le dikgwetlho, neeletsano ya boithaopi ya puso e ne ya fitlhelelwa. E gantsi e bitswang 'tsuololô ya kagiso' ya ntlha mo lefatsheng, e ne ele tshimologô ya paka e ntšha mo historing ya Afrika Borwa.

Ka 1988, fa Mandela a ne a fudusetswa kwa ntlong mo mabaleng a kgolegelo ya Victor Verster. Ka nako enô, mowa wa phetogô o ne o foka go kgabaganya seka-kontinente, mme Mandela o ne a rebolelwa kgololosego gape. O ne a gana gape, mme a gatelela gore badirammogo ka ênê ba gololwe pele, ka ge ane a itse fa mmuso o o matlhajana o ka gana go golola ba bangwe fa tlhogo ya ANC e sena go gololwa. Ka tshwanelo, ka bongwe ka bongwe, baeteledipele ba bangwe ba sepolotiki ba ne ba gololwa go sa lebelelwa ntle le tsiboso. Mme kwa bofelong, ka di-2 tsa Tlhakole 1990, lefatshe le ne la bogela jaaka Madiba le Winnie ba tsamaya ba tshwarane ka diatla gotswa ka dikgoro tsa Victor Verster go tsena mo leseding.

Go latela tiragalo enô e e boitshegang, bagolegwa ba sepolotiki ba ba setseng mo Robben Island ba ne ba sala ba le mo seemong sa ketsaetsego le boitumelo. Magatwegatwe a ne a dikologa kgolegelo, mme puso, ka boswele, e ne ya gana go ntsha pego e e totobetseng mo temeng eo. Ka iketlo, fela, ba ne botlhe ba nêêlwa kgololosego mme ba ne ba gololwa, ntle le kgakololô ya maikutlô kgotsa tshegetso, go boela mo setshabeng.

Kgololô ya Bagolegwa ba Sepolotiki

©Tracey Derrick
Mokgwa wa kgololô ya bona o santse o gopolwa ka bosula. Ga baake ba nêêlwa phimola-keledi ya nako e ba e dutseng kwa kgolegelong, mme ba ne ba na le ditshono di le mmalwa tsa tiro. Palo e e rileng ya bagolegwa ba sepolotiki ba maloba e ne ya simolola go ikamana le nnotagi le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi.

Ka 1991, bagolegwa ba sepolotiki botlhe ba ne ba tswile kwa Robben Island. Ditlamêlô di tsweletse go dira jaaka kgolegelo ya bagolegwa ba bosenyi go fitlha ka 1996, fa gone go sweetswa kwa bofelong go tswalela lefelo le go sutisetsa bagolegwa ba ba setseng kwa dikgolegelong tsa kwa nageng-kgolo. Bokamoso jwa Robben Island bo ne jwa nna letobo gape.

Botlhokwa jwa Robben Island

©Roger de la Harpe
Botlhokwa jwa setlhaketlhake jaaka letshwao la kgaratlho le jaaka moganka wa phenyo kgatlhanong le kgôbêlêlô bo ne jwa lemogwa. Tshweetso ka jalo e ne ya tsewa go fetolela setlhaketlhake sotlhe go nna museum o o tla rutang batho ka ga bobe jwa bosemorafe le maatla a itshokelano. Museum o ne wa bulwa semmuso ka di-1 tsa Ferikgong 1997. Ka 1999, maitlhomo anô a ne a bewa monwana ke setšhaba go ralala lefatshe fa setlhaketlhake se ne se mametlelelwa mo lenaaneng la World Heritage List.

Gompieno, diketekete tsa batho di etela kgolegelo enô ya maloba beke nngwe le nngwe go itemogela ka bobona kgang e e gakgamatsang ya Robben Island. Ga se loeto lo lo monate ka metlha, fela ke loeto lo re tshwanetseng ke go lo tsaya rotlhe gore dithuto tse di botlhoko ka ga dingwaga di le 500 tse di fetileng di se lebalwe. Ka go boloka kgakologelô ya Robben Island re ka thibela go ipoletsa ga histori.

Translated by Nchema Rapoo