Tsela ya go Dira Biri ya Momela

© Chris Daly
Maaforika Borwa ba rata biri e e siameng le lerato la biri e e dirwang ka momela e mo tlhatlosong ya dititielo tsa biri ka go dira le batho ba ba tlwaelegileng go dira biri kwa gae. Dibiri di ka kopantshwa go ya ka mokgwa o o ikaegile ka dipharologantsho tse di jaaka tatso, mmala, monko, mmele le lefelo la setlogo.
Go na le mekgwa e e fetang 100 ya biri: ales e e setlha, dibiri tsa kwa nageng/tse di botlha, disetout le diphelesna ke maina tse di mmalwa fela. Mekgwa ya ditlhopha tse di farologaneng gantsi di ka tsena ka fa tlase ga dikarolo tsa botlhokwa tsa ales (tse di bokete le go nna le tatso e e tseneletseng) dilager (tse di phepa le go omelela).

Ditswaki tsa Motheo tsa Bojalwa jwa Momela

©Chris Daly
Go titiela biri o tla tlhoka metsi, bali e e tsentsweng mo momeleng, dithunya tsa momela le sebedisi.

Bali e e tsentsweng mo momeleng e tswa mo lebeleng la bali mme e bonwa ka go inela bali mo metsi go e letla go tlhoga go senene. O ka dira se ka bowena kgotsa o reke bali e e setseng e tsamaile lenaneo la mo momeleng. Bali e e tsentsweng mo momeleng e rwele maikarabelo mo ntsheng kuno ya disukiri tse di tlhokegang go dira gore biri e nne le sukiri le go diragatsa ka sebedisi go bopa nnotagi.

Dithunya tsa momela ke tsa semela sa Humulus lupulus seo, fa se omisitswe mme sa dirisiwa go titiela biri, go lekalekanya bosukiris go tswa mo baling e e tsentsweng mo momeleng, go oketsa go galaka, go ntsha monko le tatso le go dira jaaka sesomarelanjo sa tlhago. Setlamorago seo dithunya tsa momela se nang le le sona mo biring se ikaegile ka fa nakong eo se tsentsweng mo lenaneong la titielo. Go se tlaleletsa go sa le gale go ka nna le bokete, biri e e galakang le fa oe tsenya morago e tla tlhola ponalo e e bofefo le go nna e omileng.

Sebidisi se tsea maikarabelo a nnotagi mo biring. Fa se tlaleleditswe, sebidiso se fetolela sukiri go nnotagi le khabonedaeokosaete. Sebidiso gape se tlaleletsa mo tsatsong ya bofelo ya biri mme se na le maikarabelo a biri go nna le boungo kgotsa go nna le ditswaki.

Kgato ya Ntlha ya go Titiela: Paakanyo ya Metsi

©Chris Daly
Kgato ya ntlha ya go titiela bojalwa ke go baakanyetsa metsi ka ntlha ya ditswaki tse dingwe. Seno se dirwa ka go gotetsa metsi a a tlhotlhilweng go 80 °C mo tankeng ya metsi a a bolelo. Morago ga metsi a bidile a tlhoka go tlhakanngwa le go diragadiwa mmogo le bali e e tsentsweng mo momeleng.
Gantsi seno se dirwa ka mo sedirisweng se se bidiwang mash tun. Thempheretšhara ya metsi e tlhoka go fetolelwa go 65 °C mo mash tun pele ga bali e e tsentsweng mo momeleng e tlaleletsa.

Kgato ya Bobedi ya go Titiela: Mashing ya Mabelethoro

©Chris Daly
Mo go mash tun, bali e e tsentsweng mo momeleng e inelwa mo metsing a a bolelo sebaka sa ura go golola disukiri go tswa mo mabelethorong. Lenaneo leno le bidiwa mashing. Disukiri tse di golotsweng di botlhokwa thata ka gonne go tla fetogela mo bojalweng morago mo lenaneong la titielo ya bojalwa mo tsamaong ya lenaneo la titielo ya biri.
Gape disukiri di oketsa tatso, monko, mmala le mmele mo biring gammogo le go nna sukiri, e leng lone lebaka la go bo dibiri tse di sukirinyana gantsi di tlhalosiwa jaaka “tsa go nna le momela”.

Kgato ya Boraro ya go Titiela: Go Kolobetsa ka Metsi, Wort

Morago ga bali e tsentsweng mo momeleng ke mashed, e ka nna ya kolobetswa ka metsi. Thulaganyo eno, gape e itsege jaaka lautering, ke fa disukiri di ntshwa le go kgaoganywa le mabelethoro. Go kolobetsa ka metsi go le gantsi e diragala ka mo sedirisweng se se bidiwang ‘lauter tun’ mme gape di ka dirwa ka mo sedirisweng se se tshwanang wa kwa mashing e diragetseng gone.
Fa mabeledithoro o tsokoditswe mme disukiri tsotlhe di ntshitswe go tswa mo go tsona go tswa mo di latlhilweng mme se se setseng ke metsi a a bolelo a bidiwang wort (e kopidiswa “wert”). Wort kwa bofelong e tla nna biri mme e sutisetswe ko tankeng e nngwe go feleletsa thulaganyo ya titielo.

Kgato ya Bone ya go Titiela: Go Bidisa Wort

©Chris Daly
Fa fela wort e nnile e e kgaogantsweng le mabelethoro a bali e e tsentsweng mo momeleng e tshwanetse go bedisiwa go tlhomamisa tatso le go bolaya ditshedinnyennye dingwe le dingwe tse di leng teng. Se se dirwa ka nako e e ka nnang ura e le nngwe. Gape ka mo nalong ya tiragalo e ya dithunya tsa momela di tlaleleditswe mo biring.
Ka bonako kgotsa ka fa morago ga nako dithunya di tlatseletswa di tla nna le seabe sa tatso ya bofelo le batitieli ba dirisa seno mo tirong ya bofelo dira maemo a a eletsegang. Dithunya tsa momela di atlaleletswa mo kgatong eno ka gonne e tshwanetse go bediswa go golola ditatso tsa yona.

Kgato ya Botlhano ya go Titiela: Go Tlaleletsa Sebidiso

©Chris Daly
Fa wort e setse e betse mo nakong e ka nnang ura e le nngwe e tsidifatswa ka bonako jalo gore sebidiso se tlatseletswe ka pabalesego ka kwa ntle ga go bolawa ke themphereitšha tse di kwa godimo. Fa biri e fitlhile mo tikologong ya 22 °C sebidiso se ka tlatseletswa. Se se itsege jaaka pitching. Motitieldi o tshwanetse go nna le tlhokomela mo kgatong e ka gonne go ka kgonegang go nna le dikgotlelego jaaka baketheria le ditshidinnyennye di ka se bolawe ke dithempheretšha tse di kwa godimo mo lenaneong le.
Morago ga sebidiso se tlatseleditswe mo biring e siametse go tsamaya mo lenaneong la simologe go gogomoga.

Kgato ya go Borataro ya go Titiela: Go Gogomoga

©Chris Daly
Go gogomoga ke fa e le gore bojalwa bo fetogela go nna biri ya mannete. Fa bojalwa bo tlogetswe go gogomoga, sebidiso se ja disukiri go uma nnotagi le khabonedaeokosaete. Morago ga beke lenaneo la go gogomoga le feditse mme biri e feteseditswe ko tankeng e nngwe ya go lootsa biri gore e nne e e phatsimang. Mo bekeng e e tlang biri e lootswa go tlhomamisa tatso ya yona le monko gammogo le go bona mmala o o siameng go dira ntshokuno ka botlalo e e phatsimisitsweng.

Kgato ya Bosupa ya go Titiela: Go Tsenya Esiti ya Khabone mo Biring

©Chris Daly
Ka kgato eno biri e siametse go nowa. Fela seo se tlhokegang ke tlhogo ya lefulo le dipudula tse di nnye tseo o di bonang mo galaseng ya gago. Ka ntlha ya seno, khabohaetreiti e a tlhokega. Khabohaetreiti e ka dirwa ka tlhamalalo ka go tlhabela khabonedaeokosaete mo biring kgotsa ka go tlatseletsa bokana ba sukiri mo mabotlolong a tla diregang ka masaledi a sebediso go kgona go uma khabonedaeokosaete.

Kgato ya Bofelo ya go Titiela: Go e Dira e Siame

©Chris Daly
Kgato ya bofelo ya go lenaneo la go titiela biri ke go bea biri e e fedileng ka mo diswaking le dibotlolong, go e dira gore e siame go tsamaiswa, go rekisiwa le go itumelela ke banwi ba biri gongwe le gongwe.

Translated by Lawrence Ndou