Tiriso ya Botlhole mo Bobataneng

© Robert Hofmeyr
Dibolayadisenyi, tse di akaretsang dibolayakhunkhwane, dibolayamouta, dibolayatlhatshana, ditlaleletso le di-adjuvant di ka dirisiwa fela mo mabakeng a a kailweng mo matshwaong a tsona. Jaaka fa go sena sengwe se se kwadisitsweng go bolaya dibatana, ga se mo molaong go dirisa epe kgotsa metswako ya dikuno tse go bolaya kgotsa go laola dibatana. Tota le go reka kgotsa go rekisa didiriswa tse go ka lobaka la go kgotlhela dibatana ke bosenyi bo bo masisi ya bosenyi.
Mathata a ntlha a a nang le botlhole ke gore ga e a tota tse di rileng, ke ka moo bobedi dipholgolo tse di tlholang tshenyo le tse di sa tlholeng tshenyo di ka bolawa mo tsamaisong. Thulaganyotatelano mo setlhopheng sa bobatana le yona e ka tlhakatlhakantshiwa, fa tse di sa tlholeng tshenyo mo setlhopheng di ka tsenywa botlhole, se ka feletsa mo go tlholeng tshenyego mo diphologolong tse di sa tlholeng tsheyo jaanong di etelela pele.
Kwa ntle ga se, diphologolo tse dingwe, gantsi ditshedi tse di bokoa, jaaka manong le magakabe, e ka nna kgolagano, e ka nna ka tlhamalalo kgotsa e e seng ya tlhamalalo fa o fepa phologolo e e nang le botlhole.

Dikgoloro tse di Botlhole

Tiriso ya dikholoro, tse di tsentsweng Sodiamo monofluoroacetate (1080) go bolaya phokoje ya mokokotlo o montsho le caracal go na le molao o le mongwe wa kwa ntle ga, go ya ka Foramo ya Bolaodi ba Bobatana. Le fa go le jalo, ga go na botlhole bo bongwe bo bo ka dirisiwa mo dikgolareng le dikholara di tshwanetse go tladiwa le go tlamelwa ka didiriswa tse di letlilweng ba go ya ka Molao wa Dilwana wa Ditswaki tse di Kotsi, Molao wa 15 wa 1973.

Dikholara le tsona di tshwanetse go dirisiwa fela mo diruiwa tse dinnye go laola phokoje ya mokokotlo o montsho le caracal fa ditsela tse dingwe di sa dire. Mo dipene fa go nang le mathata a kwa godimo a bobatana, foramo e gakolola balemirui go tsenya dikonyana tse di šwa tse di mmalwa tse di nang le dikholoro tsa botlhole ka mo mafelong a a tswaletsweng le dinku tse dikgolo.
Mosola wa mokgwa o ke gore dibatana fela tse di tshwarang dinku le dipodi di tla bolawa ke dikholoro tsa botlhole. Dibatana tse di nang le bolthole di tshwanetse go bolokwa mo go boteng kgotsa go fisiwa go thibela diphologolo gore le tsone di nne le botlhole.

Ditshwara Metlhose

Ntlha e nngwe e e kwa thoko ga molao ke ditshwara metlhose – sediriso se se dirisiwang go bolaya diphologolo tse di totilweng ka go thuntsha cyanide ka mo molomong wa phologolo fa e tshwenya kgoketso. Le fa seno e le e nngwe ya ditsela tse di atlegileng thata go samagana le dintšwa tse di latlhegileng, ga se mokgwa o kgethwang fela, go isa kwa kgotlelego ya ditshedi tse dingwe, tota diphologolo tse dinnye.

Ditetlelelo

Balemirui ba tshwanetse go bona tetlelelo e e tlhokegang go tswa kwa Bothating ba Tshomarelo ya Tlhago ba Porofense go dirisa dikholoro tsa botlhole kgotsa ditshwara metlhose. Bothati bo tla nna le maemo a a rileng go neela tetlelelo, e leng mong wa tetlelelo o tshwanetse go e latela go tsenelela. Ditshwara metlhoe di tshwanetse go tlhomiwa ke Lefapha laT shomarelo la Porofense go netefatsa gore e ikobela ditlhokego tsotlhe le maitshwaro a a siameng.

Translated by Lawrence Ndou