Thuo ya Dipodi mo Afrika Borwa - Tshobokanyo

© Roger de la Harpe

Afrika Borwa ke naga e e tlhagisang dipodi ka bonnye, e na le palogotlhe e e ka nnang 3% ya dipodi mo Afrika le kwa tlase ga 1% ya dipodi mo lefatsheng.
Dipodi di fitlhelwa go ralala naga mme diporofense tsa Kapa Botlhaba, Limpopo le KwaZulu-Natal ke batlhagisi ba ba golo, ba ba nang le palogotlhe e e ka nnang 70% ya dipodi tse di tshelang mo nageng.
Dipodi mo Afrika Borwa di tsadisetswa nama, mašwi le tlhale (mohair le cashmere e nngwe).

Dipodi tsa Nama, Mašwi le Tlhale

©SA Milch Goat Breeders Society
Matsopa a a botlhokwa thata a dipodi tsa kgwebo ke podi ya Boer, ya Savanna le Kalahari Red e gape e ka tlhagisang bonnye jwa cashmere. Nama ya podi e bitswa chevon (gotswa mo dipoding tse di godileng) le cabrito fa nama e tswa mo dipotsaneng. Mafura a Chevon a mo magare ga 50-60% kwa tlase ga a nama ya kgomo fela e na le seelo sa protein se se tshwanang. Chevon gape e kwa tlase ka mafura fa go bapiswa le kgogo. Lesotho ke moreki o mogolo wa Chevon, yo o rekileng 74% ya ntshetso-ntle ya Afrika Borwa ka 2016.
Tiriso ya ditlhale jaaka motswedi wa tlaleletso wa lotseno e tla dira thuo-podi mo Afrika Borwa gore e nne le dituelo tse di ntsi. Mo godimo ga fao, go tlhomiwa ga madirelo potlana a a fetolelang tlhale go nna matsela go ka neelana ka ditiro kwa dikgaolong tsa metse-selegae.
Dipatlisiso tse di dirilweng mo Afrika Borwa di supile fa dipodi tsa selegae jaaka podi ya Boer, di na le dikobo tsa boboa di le pedi - moriri o o magwasipa, le mofuta wa tlhale e tshesane kgotsa ya cashmere. Fela bontsi jwa tlhale ya cashmere gantsi bo ne bo se mo seelong sa kgwebisano se se amogelesegang.
Bogolo jwa ntshô-tlhagiso ya cashmere bo tshwanetse go lejwa ka tsela eo, ga jaana, dipodi tseno di tsadisetswa nama le mašwi a tsona - mofuta wa cashmere wa tlhale e di o tlhagisang ga o diriswe ka gope. Ka lebaka le, go botlhokwa go bona tekatekano magareng ga tlhagiso ya nama le ya tlhale.
Dipodi tsa Angora (Capra hircus aegagrus) di tlhagisa mohair fa dipodi tsa Russian Gorno Altai di tlhagisa cashmere - tlhale e tshesane thata ya bogolo jwa 18,5 µm (micrometer). Balemirui ba Afrika Borwa ba tlhagisa palogotlhe e e ka dirang 60% ya tlhagiso ya mohair mo lefatsheng, bontsi jwa yona kwa kgaolong ya Karoo ya Kapa Botlhaba, ka bontsi jwa mohair jo bo ntshetswang-ntle gotswa kwa lobopong lwa Port Elizabeth.
Dipodi tse di tsadisetswang tlhagiso ya mašwi ke dipodi tsa Saanen, Toggenburg le British Alpine. Tseno di bitswa dipodi tsa milch. Mašwi a podi a bewa tlhwatlhwa goya ka boleng jwa ona. Mašwi a podi a na le seelo se se kwa tlase sa lactose gona le mašwi a kgomo mme ga ana A1 casein, eleng protein e e ka bakang kgotelô mo badirising ba le ba ntsi.

Dipodi tsa Selegae tsa Afrika Borwa

©Marinda Louw
‘Dipodi tsa selegae’ di kaya matsopa a a farologaneng a dipodi tsa batlhagisi-potlana mme gantsi a tlamela ditlhokegô tsa malapa tsa nama le ka bonnye tsa mašwi, goya ka boitlhopelo jwa morafe. Dipodi tsa selegae gape di ntsha cashmere ka mariga. Podi ya selegae e fitlhelwa gantsi kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba.
Podi enô ga e kaiwe jaaka ya nama (ka ntlha ya bobotlana jwa setoto sa yona) kgotsa jaaka ya mašwi ka ge e tlhagisa fela mašwi a a lekanetseng dipotsane tsa yona. Barui ba kgwebo ba dipodi gantsi ba rua dipodi tsa Boer le tsa Angora, fa barui-potlana gantsi ba rua dipodi tsa selegae ka thulaganyo ya temôthuo ya morafe. Dipodi tsa selegae di dira palogotlhe e e ka nnang 65% ya dipodi mo Afrika Borwa, fela gotswa mo tlhophong e e kelôtlhokô le tsadisano-magareng ya dipodi tsa selegae, mefuta ya dipodi tsa nama ele meraro e megolo - Boer, Kalahari Red le Savanna, e ne ya tlhangwa.

Translated by Nchema Rapoo