Temothuo ya Nama ya Podi mo Aforika Borwa

© Gerrit dos Santos
Dipodi di tsweletsa tlhale, matlalo le mašwi mme lebaka le le botlhokwa la go tshola dipodi ke nama ya podi. Se se nnile le seabe mo nameng ya dipodi yeo e leng motheo mogolo wa palo e kgolo ya setšhaba sa dipodi mo lefatseng.
Nama ya Podi e tswang mo dipuding tse di fagotsweng go tswa mo tsa Maburu, dipodi tsa setlogo, gammogo le dipodi tsa Boboa tse di kgolwane le dipodi tsa mašwi dipodi. Chevon le yona e tswa mo dipoding tsa bana ba basimane. Ditsweletswa tse dingwe tsa podi tse di jaaka dikumo tsa mašwi le boboa ba podi di tsewa di ka nna e le nngwe ya motheo kgotsa dikumo tsa tsa tswelelo.

Go bolaya dipodi kwa kgobeng go tlhotlhelediwa ke boleng jwa ditsweletswa tse ke ikonomi - ka mafoko a mangwe, ya mašwi e e sa diregn sentle le dipodi tse kgolwane tsa tlhale di a bolawa ka ntlha ya nama. Go tlhaba dipodi ka tirisi ya setso tsa podi ke, le fa go ntse jalo, setshegetsi se segolo sa intaseteri ya temothuo ya dipodi mo Aforika Borwa, se se okeditswe ka dipodi tsa Maburu le go nna teng go go lekanyeditsweng (nakwana) ga dipodi tse di kgolwana tsa Boboa.
Bontsi jwa dipodi (gantsi dipodi tsa setlogo kgotsa tswadiso ya kgabaganyo) bo diriswa ka nama ya podi mo Aforika Borwa di a bolawa ka tsela e e dirisiwang mo go tsa setso le bodumedi.
Boerbok SA e atlanegisa papatso ya dipodi tsa nama magareng ga dingwaga di le 3 le dikgwedi di le 12 go bona kumo ya mmele wa bokete bo bo sa feteng dikilogerama di le 23.

Go ya ka Lefapha: Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi la Aforika Borwa (DAFF) dipodi di fitlhelwa mo nageng yotlhe mo diporofenseng tsa Kapa Botlhabela (39%), Limpopo (18%) le KwaZulu-Natala (13) e bong bantshakuno ba bagolo go gaisa, di aba 70% dipodi tse di tshelang tse di tsweletswang mo Aforika Borwa (2017 patlisiso).

Go Tlhaba Dipodi

Go lekanyetswa gore magareng ga 0.5 go ya go 5% ya dipodi tse tsotlhe tse di tlhabilweng mo Aforika Borwa ka mafelo a semmuso a botlhabelo.
Dipodi tsa di diriswang mo mmarakeng wa ‘sedumedi’ gantsi di rekisiwa di tshela go tloga fao go tlhabiwa go ya ka setso. Dipodi tse di tlhabiwang ka tsela e e kgethegileng kwa manyalong: go ya ka setso sa malapa, fa go ja ya nama go kganelwa batho ba ba rileng. Mo meletlong ya phitlho, dingaka tsa setso di tshwanetse go monoka madi le go apara gala ya dipodi jaaka seaparo sa tlhogo. Morago ga tshimologo ya meletlo ya koma ya banna, baalogane ba keteka tsela ya bona ya go nna banna ka nama y podi e e gadikilweng le bupi.
Go ya ka Khalahari Kid Corporation, go tlhaba dipodi ka tsa kgwebo ka mabaka a thomelontle di tshwanetse go tsamaisana le maemo a a gagametseng a Halala le a ISO mme di tlhabiwe mo botlhabelong bo bo amogetsweng semmuso, za105 mo Groblershoop kwa Kapa Bokone. Botlhabelo ba Colesberg le bona bo a dirisiwa le fa go tlhokega le botlhabelo kwa De Aar.

Translated by Lawrence Ndou