Taolô Bosa ya Thuonong – Pulelomowa le Bongôla

© Glenneis Kriel

Mo tlaleletsong ya go tshola dikgogo mo dithemphoritšhareng tse di eletsegang, seelô sa pulelomowa le bongôla ka mo teng ga kagô se tshwanetse go laolwa.

Pulelomowa

©Glenneis Kriel
Go ya ka Ross’s Broiler Handbook, pulelomowa ke tsela e kgolo ya go laola tikologo ya dikgogo. E thusa go tshola boleng jo bo amogêlêsêgang jwa mowa fa gape e ntsha monyô, e lekanyetsa go agega ga digase tse di ka nnang kotsi, mme e tshola dikgogo mo dithemphoritšhareng tse di siameng, mme e fana ka mowa o o foreshe o o lekaneng go tshola boleng jo bo amogêlêsêgang jwa mowa mo kagông. Fa dikgogo di ntse di gola mme di simolola go tlhagisa bothitho, dielô tse di kwa godimo tsa pulelomowa di a tlhokega go ntsha mogote le ditlhagiswa tsa khemo gotswa mo kagông. Go na le mefuta e le mebedi ya pulelomowa, go ya ka Ross.

Pulelomowa ya Tlhagô

©Glenneis Kriel
Pulelomowa ya tlhagô ke fa o na le ntlwana e e bulegileng mo letlhakoreng, ka digaretene, diphêphêudi kgotsa lebati mo matlhakoreng. Digaretene kgotsa diphêphêudi tseno di a bulwa kgotsa di a tswalwa go fetolafetola tsamao ya mowa go tsena le gotswa mo kagông. Difêtlhaphefô di ka diriswa go anamisa le go phasalatsa mowa ka mo teng ga kagô. Batlhagisi ba bangwe ba dirisa dithuthafatsi go isa dithemphoritšhara kwa godimo kgotsa dinosetsi go isa dithemphoritšhara kwa tlase.

Go thata go fetofetola maemô a bosa ka mo teng ga kagô ka go dirsa thulaganyo enô, ka gonne kagô e angwa ke dithemphoritšhara tsa kwa ntle. Go ya ka Ross, pulelomowa ya tlhagô e dira ka go gaisa fa dithemphoritšhara tswa kwa ntle di le gaufi le dithemphoritšhara tse di tlhokegang ka mo teng ga kagô.

Pulelomowa ya Tikologo e e Tswalegileng

Dithulaganyo tseno tsa pulelomowa tsa motlakase di diriswa mo dikagông tse di nang le mabota a a tiileng kgotsa digaretene tse di tsholwang di tswaletswe fa go dirwa. Difêtlhaphefô le matseno di diriswa go bulela mowa mo kagông. Go tlhwatlhwa-godimo fela go letla batlhagisi gore ba nne le taolô e ntsi ya maemô a bosa a ka mo kagông.

Bongôla

©Glenneis Kriel
Bongôla bo kaya phufudi ya metsi mo moweng. Gantsi fa dithuthafatsi di diriswa, go baka gore seelô sa bongôla se ye tlase, mme seno se dire gore batho ba itemogele matlalo le dinko tse di omeletseng. Mo dikgogong, seelô sa bongôla se se kwa tlase ga 30% se tlile go omeletsa dithulaganyo tsa tsona tsa khemo, mme seno se bake gore dikgogo di tshabelelwe ke malwetse a khemo. Dikgogo gape di tlile go tenega le go nna mafega, go ya ka Hyline.

Seelô se se kwa godimo sa bongôla, ka fa go le lengwe, se baka lefelo le le eletsegang la tsadiso go mefutafuta ya mouta, phori le megare. Bongôla jo bo amogêlêsêgang mo kagông ya thuonong bo tshwanetse go nna magareng ga 40% le 60% fa dikokwana di le dinnye. Dikgogo di oketsa seelô sa bongôla ka go hema le go ntsha mantle.

Ka jalo go ka dirwa eng go fokotsa seelô sa bongôla?
  • Dirisa bokete jwa kokoanô ya dikgogo jo bo tshwanetseng. (Buisa go le gontsi ka ga seno). Bontsi jo o nang le jona jwa dikgogo mo square meter se le sengwe bo kaya bontsi jwa mantle le khemo tse di tlhagiswang ka square meter.
  • Tlhokomela boalô sentle go fokotsa seelô sa bongôla. Fa o sa dirise boalô, ntsha mantle gangwe le gape mo lefelong la ntshô-tlhagisô.
  • Dirisa boteng jo bo tshwanetseng jwa boalô. Boalô jwa mariga gantsi bo tshwanetse go nna bokima go boalô jwa selemo.
  • Netefatsa fa kagô e sa nele. Sekaseka dinosi, dipeipi le kagô mme o baakanye diphatlhana fela fa o sena go di lemoga.
  • Dikgogo di tshwanetse go nna le phepô e e itsetsepetseng mme di tsholwe di itekanetse go thibela lotshololô.

Go ka dirwa eng go oketsa seelô sa bongôla?
  • Boalô jwa bodilo bo ka gaswa ka metsi.
  • Dinosetsi kgotsa digasa-metsi di ka diriswa go tsenya bongôla mo moweng.