Sweet Prickly Pear

© Louise Brodie

Leina

Sweet Prickly Pear

Leina la se Latini

Opuntia ficus-indica

Ponalo

Setlhatshana se se ‘succulent’ kgotsa setlhatsana se se nang le dikalana tse dibophaphathi tse di nang le matlhabi. Sejalo se ga se na matlhare. Ke setlhatsana se se tswa kwa bogareng ba America. Maungo a sone a boima ka sebopego sa ‘plum’, le matlhabi, mme a jega.

Bonno

Sweet Prickly Pear e mela gotlhelele mono Africa Borwa, ka fa e ntse e ata disenturi dile dintsi ga e sale e gorosiwa fa go tswa kwa Mexico.

Di-Field Notes

Prickly Pear ke nngwe ya dijalo tsa go tswa kwantle tse di dirisiwa thata mono Afrika Borwa, fa e leng gore ba bantsi ba setse ba dumela gore ke sejalo sa tlhago ya mono Afrika Borwa.
Se diriwa go aga maagelo a diphologolo tsa kwa malapeng, e bile e ka dirisetswa go fepa maruo kwa dipolaseng. Bontsi ba magae a kwa dipolaseng a kampeletswe ka Prickly Pear.
Maungo a sone a dirisetswa Jam le dinwamaphodi tse dintsi. Kwa mafelong a mantsi jaaka kwa sekgweng, sejalo se se bonwa se tshwenya mme ka jalo ba bona gole botoka go se nyeletsa.