Sharpe's Grysbok
Phuduhudu ya Sharpe

© Nigel Dennis

Leina

Phuduhudu ya Sharpe kgotsa Phuduhudu ya Bokone [Raphicerus sharpei]

Tebego

Phuduhudu ya Sharpe ke antelope e e ditlhong, e nnye mo go phuduhudu ya kwa Kapa, e na le mmele o o nonneng le bobowa jo bo khunou. E boleele jwa 500mm fa legetleng ka bokete jwa di kilograma di le robedi fa e setse e godile. Go kopakopana ga bobowa jo bosweu le jo bokhunou mo mokokotlong le mo matlhakoreng go fa phologolo eno tebego e okareng e thuntse. Ke ditonanyana fela tse di nang le manaka, a a boleele jwa 60-100mm.

Phepo

Phuduhudu eno e ya fula, e ja matlhare le matlhogeledi a ditlhatshana. E iphepa gape le ka matlhogeledi a tlhaga, maungo le dithunya fa di le teng. E ja dimela tse di jadilweng mo tshimong fa e le bosigo.

Tsadiso

Dikonyana di tsalwa ka bobosi morago ga go dusiwa kgwedi tse supa. Ka ntlha ya bofitlha jwa yona go gonnye go go itsiweng ka mekgwa ya phologolo eno.

Maitshwaro

Ke mophela-nosi ka nako e ntsi, e tlhola e patlame ga gole mogote, mme eye go fula bosigo le ka matsha.

Di fitlhelwa kae

Phuduhudu ya Sharpe e tshwana ka ditebego le mekgwa le morwarra wa yona wa kwa Kapa, mme e fitlhelwa mo thabeng ya Lebombo kwa bokone-botlhaba jwa Mpumalanga le dikarolo tsa bokone jo bo kgakala.

Dintlha Tlhagiso

Tonanyana le tshegadi di na le kgaolo tse eleng tsa tsona fela mme di sa amane, di tshwaya dikgaolo tsa tsona ka seloko. Phuduhudu eno e atle e bonwe e thibelela mo megôgôrông e e agilweng ke dithakadu.