Seêmô sa Mmele mo Dipoding tsa Mašwi

©Courtesy of American Dairy Goat Association
Seêmô sa mmele ke selekanyetso sa mabolokelo a mmele mo phologolong. Seêmô sa mmele wa phologolo se supa selekanyô sa mabolokelo a mafura le protein (mosifa) a a leng teng go baakanya mmele, le ka motsi wa go dusa le wa ntshô-tlhagiso.
‘Body Condition Scoring’ (BCS) e akanyetsa mabaka a a lebaneng fela dipodi tsa mašwi, jaaka legato la ntshô-mašwi le dintshô-mašwi tse di atologileng, seelo sa tlhagiso, legato la ntshô-mašwi go tsamaisana tsadiso, dingwaga ka motsi wa ntshô-mašwi ya ntlha le sebopego sa mmele.
Podi e ja ka go tlhopha mme ga e suge fibre sentle go tshwana le dikgomo le dinku. Ka jalo, dipodi tsa mašwi di ka se tshole sentle seemo sa mmele mo mafulong a a sa tokafatswang fela. Di tlhoka maatla a tlaleletso le protein, ka keletsô e nne furu e e loileng le/kgotsa furu ya monawa. Podi ya mašwi ya Saanen e e tlwaelegileng kwa U.S. e tlhagisa mašwi a go feta 5% ya bokete jwa yona jwa mmele ka letsatsi, go feta paka ya malatsi a a fetang 305 (dikgwedi di le 10) ya ntshô-mašwi. Mo godimo ga fao, e ka tlhagisa potsane ele nngwe goya go di ke tlhano ka ngwaga. Seelo seno sa tlhagiso se tlhoka seelo se se kwa godimo sa dikotla. Bokete jwa mmele wa podi bo fetoga ka motsi wa tsadiso le wa ntshô-mašwi. Diphologolo tsa tlhagiso e e kwa godimo di tlile go latlhegelwa ke seêmô sa mmele morago ga tsalô ya potsane le ka setlhoa sa motsi wa ntshô-mašwi, ka jalo phepô e tshwanetse go ka fetofetolwa go tsamaisana le tlhokegô ya dikotla. Diphetogo tsa bokete jwa mmele di tshwanetse go ka fokotswa ka go rulaganya lenaane la phepô ka tshwanelo. Ka setlhoa sa ntshô-mašwi, podi e goga gotswa mo bobolokelong jwa yona jwa mafura mme e a bopama. Thari ka motsi wa ntshô-mašwi e tlhoka go ka oketsa bokete jwa mmele gape gore e nne le bobolokelo jo bo lekaneng jwa mafura jwa boimana le ntshô-mašwi tse di latelang.
Ga go eletsege gore dinamagadi di latlhe seêmô sa mmele ka paka e e loleya.
Balaodi ba dipodi tsa mašwi gantsi ba tlhopha go tsadisa dinamagadi dingwe lekgetlho lantlha fa di le bogolo jwa dingwedi di le 12, fa ba ntse ba gogela morago tsadiso ya tse dingwe mme ba di tsadise lantlha fa di na le dikgwedi di le 18 kgotsa 24. Ditlhopho tseno tse di farologaneng di tlhoka mananeo a phepô a a farologaneng mme di baka BCS e e farologaneng thata. Dipodi tsa mašwi tse di nang le ngwaga di tsadiswa fa di le dikgwedi di le 7 goya go 9 mme di tswelela go gola ka maatla fa di dusa. Gantsi di na le BCS e e kwa tlase ka motsi wa tsalô ya potsane ya ntlha, mme ga go kgonege gore o ka fepa ka go feta selekanyô dipodi tsa mašwi tse di nang le ngwaga. Dinamagadi tse di tsalang lantlha fa di le dikgwedi di le 18 goya go 24 gantsi di tlile go bontsha BCS e e kwa godingwana mme di tshwanetse go ka laolwa go fokotsa seêmô se se feteletseng pele ga tsalô ya potsane.
Mabaka a mangwe (kwa ntle ga phepô) le ona a ka ama seêmô sa mmele mo dipoding tsa mašwi. Ona a akaretsa metlhampepe, bolwetse jwa tshenyô, bolwetse jwa megare le mathata a meno. Body Condition Scoring mo dipoding tsa mašwi e farologane le ya dikgomo tsa mašwi. Dipodi di boloka bontsi jwa mafura a tsona gautshwane le mala. Ka jalo thulaganyo ya Body Condition Scoring ya dipodi e e tlhamilweng e akaretsa go meta mafura a brisket mmogo le selekanyô sa kapesi ya mafura mo karolong ya lumbar.

Translated by Nchema Rapoo