Robben Island: Sediriswa sa Sepolotiki

Phetogô mo Dithateng tsa Sepolotiki

©Tracey Derrick
Ka 1948, lekoko la Nationalist le fentse ditlhopho tsa kakaretso (tsa basweu fela) mme Smuts o ne a ntshiwa mo setulong. E ne ele tshimologô ya dingwaga di le 50 tsa kgatelelô le letlhôô – paka e e neng ya sobokanngwa ka lefoko 'apartheid'.

Mo dingwageng-some di le mmalwa tse di latetseng, mmuso o ne ka iketlo wa tsenya tirisong mokoa wa melawana e e diretsweng go fokotsa dikgololosego tsa maAfrika-Borwa a bantsho le bammala. Le fa thotloetsô tsa tlhamo e e koafatsang enô ya molaotheo di ikaegile ka go sa belaetse mo kgethololông e e tserweng gotswa mo badimong ba yona ba maburu, o seke wa fopholetsa gore tlhaolele e ne ele fela ka ga kakanyo ya bosemorafe. Go ne gona le lebaka le lengwe la taolô la molao o o badilweng onô wa lenyatso: tlhokagalo ya go netefatsa gore puso ya basweu fela e phela e na le thebolelo e e tsepameng ya badiri ba bantsho ba ba tlhwatlhwa-tlase.

Mo go itsegeng, mokgwa onô wa puso mo nageng e e nang le bontsi jwa bantsho, o ne o tlile go baka kemo-kgatlhanong le boipelaetso. Balaodi ka jalo ba ne ba lemoga fa ba tlile go tlhoka lefelo le ba tlileng go baya batsosamerusu mo go lona. Ka jalo, ka 1959, Tona ya Bosiamisi o ne a bega gore Robben Island e tlile go nna kgolegelo gape. Ditlamelwana tsa sesole di ne tsa fudusetswa kwa nageng-kgolo, mme tetla ya go ya kwa setlhaketlhakeng e ne ya kganelwa. Kgaolo e ntšha e e bosula mo historing ya setlhaketlhake e ne e simologile.

Dingwaga tsa Tlhaolele

©Eric Miller
Ka 1958, mobonelapele yo mogolo o ne a tseya marapo jaaka Tonakgolo, Dr H.F. Verwoerd. Ka mafoko a gagwe a a tswina, mobonelapele yo o setlhogo yonô o ne a penta setshwantshô se se botlhole sa 'apartheid' le tlhabololo e e kgaoganeng, mo batho-bantsho ba neng ba tla fetolwa go nna 'baremi ba magong le bagi ba metsi'. Mo nêêletsanong ya bodiri le boobamedi jwa bona, Verwoed o ne a solofetsa go tlhokomela bantsho ka setso se se gaisang sa botlhokomedi jwa Sekeresete.

Verwoerd o ne a itse fa go tlile go nna le kemo-kgatlhanong gotswa mo bathong ba maAfrika, mme tshweetso e ne ya tsewa go baakanya Robben Island go nna kgolegelo ya botlhe ba ba emang kgatlhanong le puso. Tsheko ya Boepapuso, mo go yona balatofatswa ba le 150 ba merafe yotlhe ba neng ba latofaletswa go rera puso, e ne e setse e simolotse mme, go simolola ka 1961, bagolegwa ba bosenyi ba ne ba iswa kwa setlhaketlhakeng go thusa go se baakanyetsa mokowa wa bagolegwa ba sepolotiki o o solofetsweng. Tsheko ya Boepapuso, kana, e khutlile morago ga dingwaga di le nne ntle le go bonwa ga melato.

Ka nako enô, ANC e ne ele mokgatlho o o tshegetswang naga ka bophara, mme mokgatlho o ne o setse o eteletsepele ditshupetso di le di ntsi, tse gantsi eneng ele tsa kagiso, kgatlhanong le mmuso. Tsamao ka bonya ya bona e ne ya kwatisa bangwe, fela, mongwe wa baeteledipele ba ba maatlametlo yo o bitswang Robert Sobukwe o ne a ikamologanya le ANC go simolola setlhopha se se dikgoka go feta, se se bitswang Pan Africanist Congress (PAC), ka 1959.

Bagolegwa ba Sepolotiki Ba Ntlha Go Romelwa kwa Robben Island

©Tracey Derrick
Ka 1960, ditshupetso tsa mogoso tsa Defiance Campaign di ne tsa tlhongwa kgatlhanong le Melao ya Pasa e e thata e e neng e kganela motsamao wa batho-bantsho mo dikgaolong tsa basweu. Kwa nngweng ya dithupetso tseno, kwa ntle ga seteišane sa sepodisi kwa Sharpeville, gaufi le Vereeniging, sepodisi sene sa thuntsha boidiidi jwa batho. Se bolaile batho ba le 69, bontsi jwa bona ba thuntshitswe mo mekokotlong fa ba ne ba tshaba. Tiragalo enô e ne ya tshosa naga le baagi ba boditšhabatšhaba. Tsibogo ya mmuso wa Afrika Borwa e ne ele bonako. ANC le PAC di ne tsa kaiwa fa ele mekgatlho e e seng ka fa molaong mme tsa kganelwa.

Melao e mentšha e ne ya tsenngwa tirisong go tlhofofatsa tshwaro le kgolego ya baeteledipele ba kganetso. Morago, Verwoerd o ne a tlogela British Commonwealth mme a kaya fa Afrika Borwa ele Republic. Mo karolong ya bona, PAC le ANC ka bobedi di ne tsa sweetsa go tsaya dibetsa mo kgaratlhong kgatlhanong le tlhaolele, mme ka bobedi di ne tsa tlhoma mephato ya sesole, e e neng e bitswa Poqo le Umkhonto we Siswe, ka tatelano.

Mo ditlamoragong tsa Sharpeville, bagolegwa ba sepolotiki ba ntlha go ka tshwarwa le go romelwa kwa Robben Island e ne ele maloko a PAC le Poqo ka bontsi. Ba gorogile go tloga ka 1961 go ya kwa pele, ba goroga mo setlhaketlhakeng se se makgwakgwa se se satswang go phuaganngwa ke sesole mme se sa siamela go nna kgolegelo ya tshireletso e e kwa godimo ka gope. Bagolegwa ba ntlha ka jalo ba ne ka bonako ba tsenngwa mo tirong go epa matlapa le go aga mantlwana-fitshwana a bona.

Translated by Nchema Rapoo