Pinotage

© Kevin Crause

Thanololô

Pinotage ke mofuta wa mofeine o mohibidu o o tlhôlegileng mo Afrika Borwa. O jalwa gape, le fa e le ka bonnye, kwa Australia, Brazil, Canada, Israel, New Zealand, Switzerland, United States le Zimbabwe.

Tlhôlegô

Moprofesara Abraham Izak Perold wa Stellenbosch University o tlhagisitse Pinotage ka dingwaga tsa bo1920, ka go dulafatsa Pinot noir le Cinsaut (e e neng e bidiwa Hermitage pele). Perold go begwa fa a ne a batla go dira terebe e e neng e na le tatsô ya segologolo ya Pinot le mekgwa ya kgolô-bonolo ya Cinsaut.

Modulafatso o ne wa tlhagisa dipeo tse nne tse Perold a neng a di jala mo tshingwaneng ya bodulo jwa gagwe jwa semmuso kwa Welgevallen Experimental Farm ya Stellenbosch University. Dingwaga tse pedi morago ga fao Perold o ne a tsaya maemo kwa KWV, mme seno sa dira gore bodulo jwa gagwe kwa Welgevallen bo nne loleya nakonyana.

Go kaiwa fa Dr Charlie Niehaus, yo ka nako eo e neng e santse ele motlhatlheledi yo monnye, a ne a sireletsa dimelanyana kgatlhanong le setlhopha se se neng se rometswe go phepafatsa tshingwana, e ka nako eo e neng e setse e tletse mofero. Niehaus o ne a fa Moprofesara CJ Theron dimelanyana, yo e neng e le tlhogo ya lefapha la Viticulture le Viniculture kwa Stellenbosch University ka dingwaga tsa bo1940 le 1950.

Merara e ne ya simololwa gape kwa botlhogisetsong jwa kwa Elsenburg Agricultural College mme morago e ne ya tlhogisetswa mo meding ya Richter 99 le Richter 57, se e neng e le lesego le lengwe ka ge medi ya kgale e ne ya tsenelelwa ke megare mme ya senyiwa. Letlhogelelwa le le neng la dira bontle le ne la tlhophiwa go nna motheo wa merara yotlhe ya Pinotage.

Maina A Mangwe

Modulafatso o ne kwa tshimologong wa bidiwa “Perold’ Hermitage x Pinot” mme go begwa fa leina Herminoire le ne le kaiwa thata. Gatwe leina Pinotage le ne la sweediwa fa Theron a ne a bontsha Perold matlhogela a mane a merara.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Merara ya ntlha ya kgwebo e jadilwe kwa Myrtle Cove gaufi le Sir Lowry’s Pass kgotsa kwa Muratie kwa Stellenbosch. Mofuta ono o tsere sebakanyana go tsepama mo bodirelong jwa mofeine, e ne e le dipolase tse tharo fela tse di neng di na le ona ka dingwaga tsa bo1950.

Sejalo se ne sa simolola go tuma morago ga go fenya sekgele sa mofeine o o gaisang kwa Cape Young Wine Show ka 1959 le 1961. Stellenbosch Farmer’s Winery ke bona bantlha go dirisa leina Pinotage mo sesupông ka 1961, go rekisa mofenyi wa 1959 Pinotage of Bellevue Estate ka fa tlase ga letshwao la Lanzerac.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Northern Cape, Olifants River, Swartland, Klein Karoo, Paarl, Robertson, Stellenbosch, Worcester, Breedekloof le Cape South Coast.

Nonofô

Sejalo se na le nonofô ya selekano go ya go e e siameng, ka ntshô e e ka nnang 10 t/ha go ya go 15 t/ha.

Go Butswa

Ke mofuta wa go sale gale o o butswang go simolola ka seripagare sa bobedi ya Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e mennye, sebopegô se se motôpô ka mmala o o tseneletseng o montsho le botala jwa loapi fa e budule. Letlapi le le kima mme le a ngaparela, fa leungokobolwa le le boleta le le matute.

Matlhare

Matlhare a bogolo jo bo mo magareng go ya go jo bogolo, a botala jo bo tseneletseng, a boleele-sephara ka ditsebe tse tlhano.

Disinyi le Malwetse

Mofuta ono o tshabelelwa thata ke bolwetse jwa phori, fela ga o tshabelwe ke botrytis go tshwana le Cabernet Sauvignon. Mathata a mantsi a kekologwa ka ntlha ya gore Pinotage e butswa go sale gale mo setlheng.

Tiriso

Pinotage e ka diriswa ka bonosi kgotsa ya tswakanywa le mefuta e mengwe. Nngwe ya dikai ke Cape Blend, e e tlhalosiwang fa e le motswako o mohibidu wa boammaaruri wa Afrika Borwa o o nang le bonnye jwa 30% mme o sa fete 70% ya Pinotage.

Mefeine

O kgona go dirwa mefutafuta e le mentsi ya mofeine, go ya le gore o godisitsweng le go butswisiwa jwang. Pinotage e e jaleletsweng mo meding ya Richter 110 mo mekgokologong ya bophirima e ntsha tatsô e e itshupileng ya panana, fa ya kwa mekgokologong ya botlhaba ya mebu e e boteng e ka tlisa tatsô ya leungo la cherry e ntsho, mmogo le kutlwalo ya letlalo la kgomo le sekontiri. Tiriso e e botlhale ya motomô wa ouko o ka fa Pinotage tatsônyana ya chocolate kgotsa kofi.Translated by Nchema Rapoo