Pinot Noir

© Glenneis Kriel

Thanololô

Pinot noir ke mofuta wa terebe ya mofeine e ntsho e e golaganngwang le mengwe ya mefeine e e itshekileng le e e galakang ya tlhwatlhwa e e kwa godimo thata. Leina, le le tswang mo mafokong a Sefora a a rayang gore “phaene” le “bontsho”, le kaya sebopegô se se motôpô sa dingatana tse di nnye tsa terebe tse di lebegang jaaka khounu ya phaene le mmala o o ntshofetseng wa meretlwa.

Pinot noir go dumelwa fa e le nngwe ya dika-mofuta tse dikgologolo tsa lelapa la Pinot. Go fopholetswa fa gona le ditswamofuteng di ka nna 20, mo go tsona ke Pinot gris le Pinot blanc tse di lengwang mo Afrika Borwa, le fa e le ka bonnye.

Tlhôlegô

Pinot noir e ntse e lengwa kwa Burgundy France ga e sale ka ngwagakete wa ntlha. Bogolo jwa tumo ya yona e amana le baitlami ba banna ba Cistercian ba kwa Burgundy, ba ka dinako tsa metlheng, ba neng ba jala merara gotlhe mo ba neng ba aga matlo a batlami teng.

Go feta makgolo a mafelo a merara e neng e jadilwe mo go ona, baitlami bano ba ne ba gatisa ka matsetseleko dirêkhôte tsa ntshô-tlhagiso mme ba supa dikgaolo tse merara e neng e itumela teng. Baitlami ka jalo ba ne ba tlhama dipegô tsa kotulô tsa ntlha mo lefatsheng mme ba fa tsalo go kakanyo ya gore mofuta wa mofeine o supa maemo-nnye le maemo-kakaretso a kgaolo, a a bidiwang “terroir”, e o jadilweng mo go yona.

Merara e e neng e le ya kereke e ne ya abelwa malapa a kwa Burgundy ka motsi wa tsuololô ya kwa France ka bo 1789. Le fa e le mofuta o jalô ya ona e nang le kgwêtlhô, ntshô-tlhagiso e atologetse kwa dinageng tse dingwe fa dingwaga di ntse di feta jaaka badira-mofeine ba bantsi ba leka go fitlhelela mofeine wa boleng jo bo tshwanang le jwa mefeine e e amanngwang le Burgundy.

Pinot noir e tswile mo go nneng mofuta wa bo sometharo o o jalwang ka bogolo go nna wa bo supa magareng a dingwaga tsa 1990 le 2010.

Maina A Mangwe

Mofuta ono o itsagale gape jaaka Spätburgunder kwa Germany, Brazil le Canada; Pinot Nero kgotsa Blauburgunder kwa Greece, Hungary le Italy; kgotsa Burgundac kwa United States le Yugoslavia.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Moprofesara Abraham Izak Perold o tlisitse seka-mofuta sa Swiss BK5 Pinot noir mo nageng ka dingwaga tsa bo1920 fa Muratie kwa Stellenbosch e nnile polase ya ntlha go jala mofuta ono ka 1927.

Mofuta ono ka nako eo o ne o sokola go thankgologa mo dikarolong tse dingwe ntle fela le Stellenbosch, ka ntlha ya tsepamiso-tlhaloganyo mo ntshô-tlhagisong ya mofeine ka bontsi mme eseng mo go boleng jwa mofeine. Mokgwa wa go tlhotlha, yo o tsentsweng tirisong thari mo dingwageng tsa bo1950, le ona o thibetse go atoloswa ga ntshô-tlhagiso.

Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1970, Tim Hamilton Russel wa Hamilton Russel Wines kwa kgophung ya Hemel-en-Aarde o tshamikile karolo e kgolo mo go lotlololeng bokgoni jwa nnete jwa Pinot Noir mo nageng, fa a ne a swetsa go tlhagisa mofuta ono le fa ntse gona le mokgwa wa go tlhotlha le gore dika-mefuta tse di neng di le teng e ne e le tsa go tlhagisa mefeine e e galakang mme eseng ya mo tafoleng.

Mmogo le modira-mofeine wa gagwe wa nako eo, Peter Finlayson, Russel o bontshitse gore kgophu ya Hemel-en-Aarde e siametse ntshô-tlhagiso ya Pinot noir. Dika-mofuta tse diša tsa Dijon, tse di siametseng go tlhagisa mefeine ya mo tafoleng, di nnile teng mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo1990.

Mmogo le phetogelo go tlhagisong ya mefeine e e nang le boleng, dika-mefuta tseno tse diša di bakile gore dikgaolo tse dintsi tse diša di simolole go tlhagisa mofuta ono, go akaretsa Elgin, Doring Bay le Franschoek. Moprofesara Perold o kopantse Pinot noir le Cinsaut go tlhagisa mofuta wa boammaaruri wa Afrika Borwa, eleng Pinotage.

Dikgaolo Tsa Ntshô-Tlhagiso

Kgaolo ya ntshô-tlhagiso ya Pinot noir mo Afrika Borwa e oketsegile go tswa mo go nneng 0,8% ya kgaolo-kakaretso ya ntshô-tlhagiso ya terebe ya mofeine go ya go 1,2% ka 2016.

Le fa mofuta ono o jalwa mo dikgaolong tsotlhe tsa ntshô-tlhagiso ya mofeine, kgaolo e kgolo ya merara eno e kwa Cape South Coast, mme e selwe morago ke Stellenbosch, Robertson le Paarl. Mofuta ono o itumela mo dikgaolong tse di rurufetseng kwa mebu e humileng ka lekalaka.

Kgolô

Pinot noir e na le nonofô e e lekanyetseng go ya go e e kwa tlase. Ntshô-tlhagiso e mo magareng a 5t/ha go ya go 14t/ha, fela ntshô e tshwanetse go tsholwa e le kwa tlase go ôketsa boleng jwa mofeine.

Go Butswa

Diterebe di butswa go sale gale mo gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa ntlha sa Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e mennye, e motôpônyana ka mebala e e fapaaneng go tswa go o o phepôle wa loapi go ya go o o phepôle le bontsho. Letlapi le lesesane mme le tiile, fa leungokobolwa le le boleta, tswina le matute.

Matlhare

Matlhare a bogolo jo bo mo magareng go ya go jo bo golo, a kgolokwe mme a tsebe-tharo ka gotlhelele.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono o ribanngwa ke phiso ya letsatsi, megare, malwetse a fungi le go bola. Go butswa gale go dira gore o senyiwe ke dinonyane.

Tirisô

Pinot noir mo Afrika Borwa gantsi e dirisetswa go tlhagisa mofuta-nosi wa mefeine e e galakang le e e itshekileng ya boleng jo bo kwa setlhoeng. E ka tswakanyiwa gape le mefuta e mengwe e e farologaneng, e mo go yona Chardonnay le Pinot Meunier e leng tsona tse di tlhôphiwang gantsi.

Tatsô

Tatsô kakaretso ya Pinot noir e rotloediwa ke mabaka a a farologaneng, go akaretsa kgaolo ya ntshô-tlhagiso, maemo-kakaretso le maemo-nnye a bosa, mokgwa o merara e tlhokomelwang ka ona le tsela e mofeine o tlhagiswang ka yona.

Mefeine e meša e ka nna le tatsô ya maungo a mahibidu, jaaka raspberry, moretologa, cranberry le cherry, e fa mofeine o ntse o tsofala e nnang le tatsônyana ya mo mmnung, ka matoditodi a truffle, thuntshwane ya naga, nama e e somaretsweng le metswakô ya moutlwalô.

Translated by Nchema Rapoo