Pêtlêkô

© Francois Viljoen Wineland
Here weeds are removed and soil leveled with a simple mulch finisher dragged behind a tractor.
Pêtlêkô ke tshikinyô ya mmu mo tshimông mme gantsi e golananngwa le go repafatswa ga mmu. E netefatsa boalô jo bo phepa go dikaganyetsa medi mme gape e fedida moferô. Morago ga pêtlêko, motshotelô le mosutele di tlhakatlhantshiwa le mmu. Fela mo dingwageng tse di ntseng di feta go na le tshutô go tswa go temô. Taolô ya mmu e tshwanetse go rulaganngwa ka kelotlhoko go efoga tshenyego ya sebopego sa mmu. Se se latelang ke mangwe a mabaka a temô ya tshimo morago ga go diriwa.
Go ntshiwa ga moferô mo go iseng ga phediso ya go gaisana le moferô: moferô o o golang o dirisa metsi le dikotla tse di tshwanetseng tshimo. Medi ya meferô e mentsi e gola boteng jo bo ka nnang 15 go ya go 40 cm; boteng jo bi lekanang le jwa medi-phepô e mentsi e e fitlhelwang mo tshimong.
Go repefatsa mmu mo mmung o thatafaditsweng ke dikgato tse dingwe tsa temô: motsamao wa terekere o ka thatafatsa mmu mme ka jalo o fokotse kgolô ya modi. Pêtlêko e repisa mmu gore mowa o kgone go tsena.
Tshomarelô ya metsi a mmu: metsi ga a mowafale bonolo gotswa mo boalong jo bo repileng mme pêtlêko e oketsa tsenelelô ya metsi fa go nosetswa le fa pula ena.
Pêtlêko e baakanya bolao jwa peo mo jalong ya dijalo tse di khurumetsang.
Pêtlêko e hemisa mmu: mefero, dijalo tse di khurumetsang, motshotelô le monontsha di a tsenngwa gore e nne dijalo tsa dikotla. Mme gape o thubiwa ke di microbes go dira mmutele (e nngwe ya metshotelô).
Tsamao e e tokafetseng ya mowa mo tshimông: moferô o moleele kgotsa o mokima o thibela tsamao ya mowa mo magareng a dikala. Seno se ka dira gore matlhare a nne metsi sebaka se se telele mme e bake malwetse a mouta. Buisa gape pêtlêko e nnye.

Translated by Nchema Rapoo