Pangolin

© Nigel Dennis

Leina

Pangolin, Ground Pangolin (Manis temminckii), e itsiwe gape ka leina la Temminck's Pangolin kgotsa Cape Pangolin.

Ponalo

Pangolin e ka nna go feta 1 m ka bolele, go fitlha go 18 Kg ka bokete. Mmele wa yone o sireletsiwa ke di-scales tse di pataganeng. Seo se e farologanya mo dimamaleng tse dingwe ka gonne ga go dimamale dile dintsi tse di nang le di scales.

Kwa ntle ga phogwane ya yone, ga e na di-scales kwa tlhogong le kwa mpeng le kwa mapareng a maoto ya yone. Monwan wa ntlha le wa bofelo kwa maotong a kwa pele a mannye fa a mararo a mangwe one a gidile mme a na le dinala tse di bonalang tse di ka dirisetswa go epa.

Maoto a kwa pele one a makhutshwanyane mo go a kwa pele. Mogatla wa yone o phutegile jaaka tlhoko e e kgolokwe.

Dijo

Pangolin e ja ditsheenekegi fela, ka fao gatwe e insectivorous, bontsi ba ditshoswane le makeke di thusa go e fepa ebile diboloka botshelo ba yone. Selo se sengwe se se thusa botshelo ba yone ke mesima e eleng teng mo sekgweng a e ka a dirisetsang marulelo. Di iphepa that ka formicid-ants.

Pangolin e bonala e boikgethelo that aka fa e ja mefuta e le 19 fela ya ditshoswane le makeke. E kgona go nkgengkgela dijo tsa yone le ga e le ka fa tlase ga mmu. Fa e bone setlhabelo, e tla epa mosima ka dinala tsa yone tse di bogale. Leleme la yone la dimilimitara dile 250 ka boleele le na le mathe a a maparelang.

E le dirisetsa go thaisa setlhabelo la yone ka go le lokela ka fa megobeng ya makeke gore e a tshware. Ga e ka le ntsha le ka aparelwa ke ditshenekegi mme e tla di lokela ka fa leganong. Se a ka se dira makgetlho a le 90 ka bosogi mme e ka tsaya lebaka la motsotso nako nngwe le nngwe Ka ga e sena meno santa e etsenang mo ganong le dijo tsa yone e thusa go dubaganya dijo tsa yone ka mesifa ya legano la yone.

Tsalo

Kopano ya balekani ga nke e nna sebaka. Di kopana letsatsi le le lengwe kgotsa a mabedi fela ka kgwedi ya Mopitlwe. Thobalano e direga di eme ka matlhakore ga e tona e gapeletsa mogatla wa yone ka fa tlase ga ee namagadi go dira thobalano.

E namagadi e tla tsala ngwana a le esi morago ga go ima malatsi a le 135. Tsalo e diragala ka nako e e magareng ga Phukwi le Phatwe. Ban aba tla anya mo mosimeng wa yone kwa e salang teng ga ee namagadi e tswa go ya go fula. Kwa morago ga kgwedi e tla isa ngwana wa yone kwa mosimeng o moswa.

Mekgwa

Pangolin e kgona go iphemela. E ka ipotoka jaaka kgwele ga e tshosediwa. Arboreal Pangolin e ipotoka jaaka kgwele bosigo ga e robala. Pangolin e kgona go tlhasela ka di-scale tsa yone tse di bogale.

Di kgona go kgwela manaba a tsone ka monkgo o o maswe jaaka nakedi.Pangolin e gogoba ka a mane, mme fa e tlhoka lebelo e ka emelela ka a mabedi go siana e itshegeditse ka mogtla wa yone oo moleele. E ka taboga ka lebelo la 5km/h.

Manno

Manno a a rategang gantsi ke dinaga tsa savannah, fela e fitlhelwa gape mo dinageng tse di tlhaga tsa mabala a metsi, mekgolosa e e matlapa le mafatshe a mebu e e omeletseng. Ga di fitlhelwe mo dikakeng le dikgweng.

Kwa di ka Bonwang kwa Teng

Mo Afrika Borwa Pangolin e bonwa phatlhalatsa kwa Botlhaba, Bokone le Bophirima ba Gauteng, kwa bokone ba KwaZulu-Natal, Bokone-botlhaba jwa Kapa mme go tloga fao di di tsenelela kwa mafatsheng a a gaufi.

Interesting Facts

Phologolo e Pangolin e a nyele (endangered) ka lebaka la gore batho ba rata go dirisa letlalo la yone go dira dibutshu, fela jaaka letlalo la noga, kgotsa armadillo. Kwa mafelong a mangwe mo lefatsheng, Pangolin e a jewa. Ga na le di-species dile supa tse di phelang tsa mamale e tse di akaretswang mo lelapeng la Pholidota. Pangolin e ja ditshoswane.

Go na le mefuta e mene ya species se mo Afrika mme dile tharo kwa borwa-botlhaba jwa Asia. Pangolin e kile ya bona phatlhalatso e e kgolo lefatshe ka bophara. Marapo a Pangolin ya sejwalejwale ke kile ya bonwa kwa di-Eocene tsa Germany le di-fossil tsa pangolin e nngwe tsone di bonwe kwa di-Oligocene tsa bokone jwa America.

Gompine, ka lebaka la tlhatlhamololo yam anno le botsomi (Letlalo la Pangolin le dirisetswa go dira pheko ya kalafi ka se-China le se-Afrika) di-species tse tharo tsa kwa Asia le e le nngwe ya kwa Afrika di a nyelela.

Vital Statistics

Leina la selatini: Manis Temminckii
Bokete (Mosadi): 4,5 - 14,5 kg
Bokete (Monna): 4,5 - 14,5 kg
Botelele (Mosadi): 80 cm
Botelele (Monna): 80 cm
Nako ya goima: ± 4 months
Nomore ya bana: 1
Order: Pholidota
Lelapa: Manidae
Tsalo: E le ngwe e nnyane e ka tsalwa mo nakong ya Motsheganong – Seetebosigo morago ga nako ya di kgwedi dile 4 tsa go ima.

Motlhala wa Yone

Motlhala wa yone o bonagatsa maoto a yone ka di-pads tse di rono tsa maoto a kwa morago le matshwao a dinala dile 4 fa fatshe. Fa ka nako e ngwe o ka bona motlha wa mogatla wa yone fa o gogoba fa fatshe. O tla bo gape matshwao a dinala tse di telele tsa kwa pele.

Field Notes

Leinala Pangolin le tlhaga kwa lefokong la se-Malay eleng “Pengguling” le le raya gore potoka, mme le tlhalosa mokgwa wa Pangolin wa go ipotoka jaaka kgwele ga e tshosediwa. Ka lebaka la mekgwa ya yone Pangolin ga e nke e bonwa thata ke ba ja nala ba di-Safari.