Oribi

© Nigel Dennis

Leina

Oribi

Ponalo

Phalana e e na le maoto le molala e mesesane e meleele. Ditsebe tsa yone di-oval. Kobo yay one e ntlhwa ka bosweu mo mpeng. Mogatlana wa Oribi o montsho. Gaufi le magareng a dikgutlo tsa matlho a yone go na le di preorbital glands.
Pheleu key one feela ee nang le manaka a makhutswane a go ka nna dimilimitara dile 80-180, tse di leng ringed kwa tlase. Di-hindquarters tsa yone di kwa gidimo nyana go di-forequarters tsa yone.
Pheleu e tona e meta dimilimitara dile 600 kwa magetleng ka bokete jwa dikilograma di ka nna 14. Tse di namagadi di botonanyana mo go tse ditonna. Oribi e bontsha mokgwa o o farologaneng wa go tshaba fa e ka tshoga ka fa e tla tlolela kwa godimo e namile maoto.

Dijo

Ke phologolo e e fulang. Le ga e bonwa gantsi mo di-flood plains ga e ya ikantse metsi a a ithamelang fela mo lefatsheng.

Tsalo

E ka ima alo e direga ka dilemo tse dingwe mme mo Afrika borwa tsalo e kwa godimo ka nako ya Ngwanatsele/Sedimonthole. Di ima nako e ka nna malatsi a 210 gore e tsale nku ele esi.
Dinamane tsa yone di fitlhiwa nako e ka nna kgwedi mme mma yone otla bowa nako le nako go tla go anyisa ngwana wa yone. Morago ga dikgwedi dile nne kgotsa tlhano e tla bo e kgwisiwa.

Mekgwa

Di bonwa ka ditlhopha nyana tse di akaretsang Pheleu ele esi le tse pedi tsa namagadi. Ditlhophana tse di okama mafelo a tsone mme di ka femela sebaka se ka nna 25-100 ha ka bokgakala.
Pheleu tse ditona di koba tse dinyane mo setlhopheng say one ga dinamane tse ditshegadi di ka nna mo setlhopheng go fitlhela di iponna balekani. Ka gonne gole botlhokwa go tiisa marapo a lelapa la diphala tse, lelapa le dira di-dunging ceremony mmogo, le gale di-dunging middens ga nke ditlhomelwa.

Manno

Di nna mo di-floodplains, di-grasslands, di-open plains le di-montane grasslands, mme ka dinako dingwe o tla di bona mo di-bushlands.

Kwa Di Bonwang Ko Teng

Phatlhalatso ya tsone gae latelege sentle. Mo Afrika Borwa Oribi e bonala thata kwa mafelong a bokone jwa bo Eastern Cape, KwaZulu-Natal, Mpumalanga. Tse dingwe tsa tsone di ka bonwa kwa bokone jwa eastern Free state le Swaziland. Ga di a tlwaelega kwa mafelong a eastern Caprivi ya Namibia le kwa bokone-botlhaba tsatsi jwa Botswana.

Distatistik Tsa Botlhokwa

Leina Latini: Ourebia ourebi
Bokete (Namagadi): 8 - 20 kg
Bokete (Monna): 11 - 17 kg
Boleele (Namagadi): 100 cm
Boleele (Monna): 100 cm
Nako Ya go Ima: 7 months
Nomore ya Dinamane: 1 lamb
Order: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Manaka: 13 cm (record - 19 cm)
Tsalo: A single young is born from October - December after a gestation period of ± 7 months.

Motlhala Wa Yone

Tlhako yay one e supa kwa pele. Motlhala wa yone o monye mo go wa Steenbok. Tlhako ya maoto a kwa morago e telele nyana.