Ntshokuno ya Leungo la Drakone

© Florentino Floro

Leungo la drakone, le gape le itsegeng jaaka pitaya, ke leungo le le pagamang la mokasetorofeie, leo le thunyang bosigo. Le jalwa kwa dileteng tse di bothitho tsa lefatshe, dijalo tsa leungo le di a oketsega mo Aforika Borwa, ye e tlhomago indasteri ye e golang ka lebelo ya thomelontle mo leungong le la dikotla.

Ntshokuno ya Leungo la Drakone Lefatshe ka Bophara

Bontsi ba leungo la drakone bo ntshwakuno kwa dinageng tsa Karolo ya kwa Bokone. Se se kaya gore leungo la drakone go tswa mo Aforika Borwa se fitlhelwa fa go bonwa ga sona kwa mebarakeng ya kwa Yuropa le ya US di le kwa tlase.

Leungo la drakone l-e ntshwakuno ka kgwebo kwa Vietnam, Malaysia, Thailand, Sri Lanka, China le Israele, fela gape se jalwa kwa Bogareng ba Amerika (Mexico, Colombia, Ecuador, Guatemala). Vietnam e ntshakuno thata (95%) leungo la drakone la diteng tse di pinki fa Ecuador le Colombia di tlhoma mogopolo mo mefuteng ya bose ba letlalo le serolane le mehuta ya diteng tse di tshweu).

Vietnam, e salwa morago ke Thailand le Israele, e leng seabi se segolo go gaisa sa leungo la drakone, di ntshakuno go feta ditone tse di 600 000 ka ngwaga.

Bontsi ba ntshokuno ya leungo la drakone ka gotlhe ga leungo bo jewa kwa Asia, tota Ma-China bao e leng bareki ba bagolo go gaisa ba leungo la drakone, ka ntlha la tumelo ya bona mo lesegong le le tliswang ke leina la leungo la drakone, sebopego le mebala. Bontsi ba leungo la drakone bo dirisiwa mo dintshokunong tsa thekong ye e tlaleleditsweng.

Mafelo a Ntshokuno ya Leungo la Drakone a Aforika Borwa

Maemo a bosa a a mogote a Aforika Borwa ke a siametseng leungo la drakone, dithemperetšha tsa 21°C - 29°C, fela nosetso e e lekaneng kgotsa pula e e mo magareng ga 650 mm le 1 200 mm e a tlhokega. leungo la drakone le amega mo go marang a letsatsi a a tseneletseng le segagane. Leungo la drakone le mela sentle mo maemong a bosa moo diabokado, dibanana le dikoko tsa macadamia di jalwang mme di tla tshwanela sentle kwa dithulaganyong tsa ntshokuno eno. Mafelo a go phuthela le diakaretswa di ka dirisiwa mme thobo ga e tsamae mmogo.

Leungo la drakone le jalwa kwa dikgaolong tsa lebopo la Dinagagareng tsa kwa Natala tsa KwaZulu-Natala, lefelo la Nagatlase go tloga kwa Nelspruit go ya kwa Tzaneen, Kapa Botlhaba le kwa Kapa Bophirima. Dijalwa tse dišwa tsa dijalo tsa leungo la drakone kwa Aforika Borwa di go ralala Dendron le Louis Trichardt kwa Profenseng ya Limpopo.

Go ya ka Max Van Heerden Dragon Fruit South Africa (DFSA), ntshokuno ya seenywa sa drakone kwa Aforika Borwa e sa le ye nnye ka ditone tee di 100 tse di ntshwangkuno ka ngwaga (2019). Bontsi ba tse di romelwang ka ntle ka diphatlho ka sefofane, ka makase a a seng makae a a fitlhelwang mo tirisong ya selegae. Le fa go ntse jalo, ntshokuno ya leungo la drakone kwa kgwebong mo Aforika Borwa e tla go gola mo magareng ga 2019 le 2021 jaaka fa dijalo tša ntshokuno tse di ntšhwa.

Aforika Borwa e romela ntle leungo la drakone, segolo-setona go ya kwa Yuropa, fela gape e tla abela kwa Botlhaba Kgakala le USA fela la ntshokuno e oketsega.

Ditlheng tsa Leungo la Drakone

Leungo la drakone le robiwa mo Aforika Borwa go tloga ka Ngwanatsele go ya Mopitlwe. Fa dijalo tsa leungo la drakone e le bašwa, di tla ntshakuno fela go tloga ka Ferikgong go ya go Moranang, fela fa sejalo e le sa kgale, setlha sa go thunya se nna se se telele.

Leungo la drakone go tswa kwa Diprofenseng tsa kwa Kapa Bophirima le Bokone ba Mpumalanga di ka ntshjakuno ka Motsheganong le Phukwi, fela setlha sa sejalo sa drakone sa kwa bogareng ba kwa Aforika Borwa se feletsa ka Moranang.

Translated by Lawrence Ndou