Nelson Rolihlahla Mandela ya Raymond Louw

© Eric Miller

O Baakanyeditswe Go Nna Kgosana

Mo botshelong jotlhe jwa gagwe Nelson Mandela o ntse a katisetswa maemô a boeteledipele a a leng mo go ona gompieno. Rolihlahla Mandela (ka Sexhosa, Rolihlahla e raya gore “go goga kala go tswa mo setlhareng” fela bokao jo bo nepagetseng ke gore “rraletshwenyo”) o tsetswe ka Phukwi 18 1918, kwa Qunu, gaufi le Umtata kwa Transkei, morwa wa ga Nonqaphi Nosekeni le Henry Mgadla Mandela, mogakolodi-mogolo wa kgosi-kgolo ya BaThembu.

O ntse bontsi jwa bongwana jwa gagwe kwa Transkei a godisetswa go nna kgosana. Rrragwe o tlhokafetse ka 1930 mme ya nna mmonakgotla wa ntsalaagwe, kgosi-kgolo ya namaosatshwere ya BaThembu, David Dalindyebo.

O feditse marematlou kwa Healdtown Methodist Boarding School mme a ya kwa Fort Hare University College kwa a nnileng karolo ya dipolotiki tsa baithuti teng. Teng koo gape, o kopane le Oliver Tambo yo morago e nnileng mopresidente wa ANC. Ka bobedi ba ne ba lelekwa ka 1940 morago ga go nna karolo ya ditshupetso tsa baithuti.

Tlhamo ya Mokgatlho wa Baša wa ANC

Mandela o ne a ya kwa Johannesburg – a kgarametswa ka ntlha nngwe ke go efoga lenyalo le le rulagantsweng la setso – mme a bona tiro kwa moepong wa gauta jaaka motlhokomedi. Moragonyana ga fao o ne a bonwa ke balosika mme o ne a ya go iphitlha. O ne a kopana le Walter Sisulu, yo jaaka Tambo e neng ya nna tsala ya gagwe ya botshelo jotlhe. Sisulu o mo thusitse go bona di-article ko fêmêng ya tsa molao.

O feditse grata ya gagwe ya BA ka go ithuta a le kwa gae mme a ya go fetsa LLB kwa University of Witwatersrand. O ne a amogelwa jaaka mmueledi go sale gale ka dingwaga tsa bo-1950 mme a bula fêmê le Oliver Tambo. E ne e le yona fêmê ya ntlha ya molao e e tshwaraganetsweng ke batho bantsho mo nageng.

Ba ne ba tlhorontshwa ke balaodi ba ba neng ba batla go ba fudusa go tswa mo “Johannesburg ya basweu” go ba isa kwa “go senang boyo”. Ba ne gape ba leka go phimola leina la ga Mandela mo lenaaneng la baboeledi. Ka motsi oo, Mandela e ne e le moeteledipele wa setlhopha sa baša ba ANC ba le 60 se se neng se fedisitswe pelo ke maano a boeteledipele jwa ANC a go dirisa molaotheo le go dira dikopo-semmuso ka boikobo go puso ya tlhaolele.

Pelenyana o ne a tsere tshweetso ya go aga ANC go nna mokgatlho wa bontsi ka go rotloetsa nationalism ya seAfrika e e tseneletseng le go ipusa. Kgatho ya ntlha e e tserweng ka 1944 – e ne e le go tlhomiwa le Sisulu le Tambo ga African National Congress Youth League (ANCYL), e a ntseng mopresidente wa yona wa bosetšhaba thari ka bo-1950.

ANCYL e ne e lopa boagi ka botlalo le boemedi ka tlhamalalo kwa palamenteng go baagi botlhe ba Afrika Borwa, go rebolwa ga lefatshe, ditshwanelo tsa mekgatlho ya badiri, thuto e e sa duelelweng e e patêlêsêgang le lenanêô la setso.

Mme ka jalo ga tsalwa Defiance Campaign ya bo-1950 e a neng ya nna “moithaopi-mogolo” wa yona wa bosetšhaba. Dikgato tsa bona tsa ntlha e ne e le go ikgatholosa melawana ya go kganela batho go tswela kwa ntle ka nako e e rileng. Ke yona nako e Mandela a neng a simolola go thulana gangwe le gape le balaodi.

Tiragatso ya Kitlano e e Senang Bosemorafe

Kwa ntlheng Mandela le badirammogo ba gagwe ba ne na sa tshepe ditlhopha tsa merafe e mengwe, mme ba ne ba sala morago mokgwa wa tlwaelo wa Africanism.

Fela ka motsi wa Defiance Campaign o ne a simolola go fetola dipônô tsa gagwe mme morago a nna mmueledi o mogolo wa kitlano e e senang bosemorafe. Ka 1952 ênê le ba bangwe ba ne ba tshwarwa le go latofatswa ka fa tlase ga molawana wa Suppression of Communism Act.

O ne a bonwa molato mme a atlholelwa dikgwedi di le robongwe kwa kgolegelong mme katlholo e ne ya sekegwa dingwaga tse pedi. O ne gape a kganelwa go tsenela dikopano tsa botlhe mme a kganelwa go tswa ka kgaolo ya Johannesburg.

Fela fa ditaelo-kganelo tsa gagwe di ya bokhutlhong, di ne di ntšhwafatswa gape mme seno sa tswelela dingwaga di le robongwe tse di latelang, fela o ne a tswelela go dira ka ditlhotshwana mme a tlhoma thulaganyo ya ditlhotswana mo makaleng a ANC go ipaakanyetsa kgonego ya go dira ka bokhukhuntshwane.

Tsheko ya Boepapuso

Ka Sedimonthole 1956 e ne e le mongwe wa balwela-kgololosego ba ba neng ba tshwarwa le go latofatswa ka boepapuso. Seno se ne sa fetoga “Tsheko ya Boepapuso” e e tumileng e e neng ya nna le kgogedi go ralala lefatshe mme ya tsaya sebaka sa dingwaga di ka nna tlhano.

Mandela le mongwe wa balatofatswa ba ne ya nna ba bueledi morago ga gore babueledi ba bona ba ikgogele morago ka motsi wa seêmô sa tshoganetso ka 1960. Kwa bokhutlhong botlhe ba ne ba se bonwe molato.

ANC e ne ya kganelwa ka 1961. Mandela o ne a simolola go dira ka bokhukhuntshwane mme a itsagale ka leina “Black Pimpernel” jaaka a ne a efoga go tshwarwa ke sepodisi sebaka sa dikgwedi di le 17. Nako le nako o ne a itumedisa dikopano tsa batho bantsho ka go tlhagelela kwa go tsona, a fane ka puo mme morago a nyelele.

O ne a eteletse pele lenanêô la go tshwara kopano-kakaretso ya bosetšhaba e e tlileng go kwala molaotheo wa temokrasi, mmogo le go rulaganya ditshupetso tsa bodula-gae le tsa kwa mebileng. Ke mmegadikgang wa lokwalodikgang a le mongwe, Peter Hazelhurst, yo a buisaneng le ene ka motsi ono. Hazelhurst o ne a tsewa kwa lefelong la kopano mo teropong, a bofelelwa matlho ka lesela mme a kgweetswa ka go dikologa go mo etsaetsisa.

Morago-nyana o ne a iphitlhela a le mo kamoreng. Lesela le ne la bofololwa mme Mandela o ne a le fa pele ga gagwe. Pego ya gagwe ka ga ditôpô tsa ga Mandela e ne ya tlhagelela mo Sunday Express mme e ne ya šakgatsa balaodi.

Ba ne ba batla go itse gore Mandela o kwa kae, fela HazelHurst o ne a sa kgone go ba bolelela, ka ntlha ya gore o ne a file Mandela lefoko gore a ka se dire jalo, mme gape le ka ntlha ya gore o ne a sa itse gore o ne a isitswe kae. Fela puisano eo e ne e tenne puso.

Rand Daily Mail

Dingwaga di ka nna 12 morago ga fao ge tonakgolo Vorster a mpotsolotsa mabapi le boitshwaro jwa Rand Daily Mail, e ke neng ke le motlhotlhi wa yona ka nako eo, kgang eno e ne e santse e mo tenne. O boditse, “Ke gore eng o sa re bolelela gore Mandela o ne a le kae fa mmegadikgang go tswa kwa lokwalodikgang lwa gago a ne a buisana le ene fa a ne a tshaba ka 1961?”.

Sepodisi sa tshireletso sa ga Vorster, se se mo anagetseng pele ga kopano ya rona, se ne se fositse. Go ne ga mpha kgatlhego e potlana go bolelela Vorster gore o ne a latofatsa lokwalodikgang lo lo geletsweng ke lokwalodikgang longwe. Vorster, e ne e le tona ya Tshiamiso ka nako ya mepôtapôtêlô ya ga Mandela mme “Black Pimpernel” o ne a fetotse sepodisi sa gagwe masilo.

Bokhutlho jwa Kgololosego

Ka motsi ono o ne a ngweegiswa go tswa mo nageng mme a tlhagelela ka tshoganyetso kwa Pan-African Freedom Movement Conference kwa Addis Ababa ka Ferikgong wa 1962. O ne a bololela kwa London mme a kopana le baeteledipele ba makoko a kganetso a kwa Brithane.

Mme gape o ne a tsenela katisô ya ntwa ya guerrilla kwa Algeria. Mandela o ne a tsamaya go ralala naga gangwe le gape a ikeditse mokgweetsi wa motlhagisi wa serala Cecil Williams, e leng leloko la mophato o o tlhometseng wa ANC.

E ne e le mo loetong go tswa Durban go ya Johannesburg mo a neng a tshwarwa le Williams mo seraing sa sepodisi gaufi le Howick kwa Natala.Seno e ne e tlile go nna bokhutlho jwa kgololosego jo bo fetang dingwaga di le 27.

Translated by Ike Ngobeni