Motlhwa

© Chris Daly

Ga go bonolo go fedisa motlhwa jaaka o ka fedisa dinta, ka jalo kelotlhoko ya senwamadi se e botlhokwa thata. MOntlwa o monnye mogo nta, mme o ka nna selekano sa bontlha ba lesome la milimitara go fitlha go milimitara ele nngwe ka botelele. Ga o bonolo go bona ka leitlho kwa ntle ga gore o e bone a sasanka mo godimo ga sengwe sa mmala oo kgatlhanong le mmala wa one. Fa nta e ka nna le maoto a le thataro, motlhwa oo godileng le mmotlana wa tsone o na le maoto a le robedi fa larvae ya yone e na le maoto a le thataro. Bontsi ba dibopiwa tse di na le mebele ee kgolokwe ka thito ee tlhaagelelang fa o tla bonang ditho tsa molomo mo teng.

Di bonala jaang?

Gantsi motlhwa oo amang dikgogo ke oo bediwang red mites kgotsa chicken mites.
Go na le mefuta e meraro ya motlhwa oo amang dikgogo, ebong red mites kgotsa chicken mites, northern fowl mites le scaly leg mites.
Red mites di bonala ka mmala oo bosweu jo bosetlhana (greyish white) kgotsa ele borokwa (brown), mme mmala o, o fetogela go boshibidu jo bo galalelang kgotsa botala ba legodimo fa e sena go kgora senwelo sa madi. Senwamadi se se iphitlha mo dihatlhaneng motshegare otlhe, di nna dile gaufi le ditswa setlhabelo tsa yone go fitlhela di tlhasela dikgogo bosigo.
Northern fowl mites di bonala ka mmala o mosetlha kgotsa bontsho. Di itshwarelela mo dikgogong botshelo ba tsone botlhe. Gantsi o tla di bona gaufi le phinya (vent). Ga di tlhasetse ka bontsi o tla bona mafofa a nonyane a nna le ditsubaba tse dintsho ka lebaka la mantle le mae a tsone. Unlike Northern fowl mites and red mites, scaly leg mites only affect the legs of birds.

Matshwao a infestation?

Dinonyane tse ditlhasetsweng di tla fellwa ke matla mme di nne le bothata jwa madi jo bo bidiwang anaemia, mme di tla setlhafala ga o di lebelela ka lebaka la go nwewa madi. Dokgogo di ka bopama mme tsa ballwa ke malwetse a mangwe. Mafofa a dinonyane tse di amegileng a ka fokotsega mo diphukeng le mo mmele, mme dikgogo tseo di ka simolola go itlhoba mafofa. Letlalo la dikgogo tse le ka bonagatsa phetogo ya mmala mme ga bonala ditsubaba tse ditshibidu mo go lone.
Scaly leg mites tsone di ikepela ka fa tlase ga letlalo la maoto, mme seo se tla baka go ruruga mme a nne makgwakgwa. Ga e sa tlhokomelwa kgogo e ka felelwa ke matla e be e swe.

Translated by Ikalafeng Maedi