Melawana ya Motheo ya Balemirui jwa Tsa Mašwi

©Rykie Visser Agrinet
Balemirui ba baša ba tshwanetse go tlhaloganya melawana ya motheo ele mmalwa ka ga bolemirui le dikgomo tsa mašwi. Melawana enô e tlhalosa gore ke goreng ditaragatso tsa bolaodi tse di rileng di tlhokega go netefatsa kgwebo ya lotseno lo lo tsepameng. Ka ntlha ya gore dikgomo tsa mašwi ke bontlha jwa tlhagiso jwa motlhape wa tsa mašwi, dikgomo tse di mo ntshông-mašwi e tla nna diphologolo tsa ntlha go rekwa mo polaseng ya tsa mašwi e ntšhwa. Ka tsela enô, lotseno lwa ka gangwe gotswa mo thekisong ya mašwi lo a bonwa. Motlhape wa tsa mašwi o o eletsegang o na le dikgomo tse di omileng mmogo le meroba ya dingwaga tse di farologaneng go netefatsa tlhagiso e e tsweletseng le kgolô ya motlhape.

Tshilo ya Kgomo ya Mašwi

Dikgomo tsa mašwi ke diotli mme di na le tshilo e e itlhaotseng. (Diotli - sekai, dikgomo, dipodi, dinku - di ja le go sila difepi tsa dimela jaaka bojang).
Tshilo mo diotling e diragala mo mpeng ya dikarolwana di le nne. Seno se di letla go dirisa difepi, jaaka furu, silage, mafulo le lotlhaka, ke gore difepi tse ka kakaretso di sa jeweng ke batho. Mpa ya dikarolwana di le nne ya seotli e na le mala a reticulum, rumen, omasum le abomasum. Dikarolwana tseno tse nne di dira jaaka karolo ele nngwe. Rumen e e ka nnang 160 litres e dira 80% ya mpa ya seotli.
Sentle sentle ke swaki ya pedisetso e e nang le palo e kgolo ya anaerobic bacteria (bacteria e e tshelang mo go tlhokagalang oxygen teng), protozoa, le ditshidi tse dingwe di tshela ka symbiosis le kgomo ya mašwi. (Symbiosis ke kamano ya botshidi e e kgotlaganeng magareng ga ditshidi di le pedi tse di farologaneng). Ditshidi tseno di sila sefepi se se jelweng, seno kwa morago se neelana ka maatla le protein go dikgomo gore di tlhagise mašwi. Fa bacteria e swa moragonyana mo abomasum, e dira jaaka protein ya bacteria go kgomo.
Rumen e e itekanetseng e ikaega ka seêlô se se lekaneng sa difepi (bojang gotswa mafulong mmogo le difepi-magwata) mo phepông ya tsatsi le tsatsi. Fela, ka gonne maatla le protein tsa difepi di kwa tlase, difepi tse di loileng jaaka dithotse (mmopo, korong, barley kgotsa oats), le metswedi ya protein (fish meal, oli ya cottonseed, cake meal kgotsa soybean meal) di a fepiwa go oketsa ntshô ya mašwi ya dikgomo. Difepi tseno gantsi di tlhakanngwa le diminerale le letswai mo motswakong o o loileng kgotsa sefepi sa tsa mašwi.

Ntshô ya Mašwi ya Dikgomo tsa Mašwi

©Dr Carel Muller
Go simolola paka ya ntshô-mašwi (go tlhagisa mašwi), dikgomo di tshwanetse go ntsha dinamane (go tsala). Dinamane tsa poo (tona) le moroba (namagadi) di tsalwa gotswa go seno. Dinamane tsa poo gantsi di tlhajwa go sale gale mo botshelong jwa tsona ka ntlha ya nama ya tsona (nama ya namane e tlhaolwa jaaka ‘veal’ fa bokete jwa setoto ele 100kg kgotsa ka fa tlase) kgotsa di ka godisetswa tlhagiso ya nama ntle fela le fa di godisetswa tsadisano. Dinamane tsa moroba di tlhokelwa go tsena mo mannong a dikgomo tse di tlhabilweng gotswa mo motlhapeng. Meroba e godiswa gore e tsale lwantlha fa ele dikgwedi di le 24. Go fokotsa dikgwedi tsa tsalô ya ntlha go fokotsa ditshenyegelo tsa kgodiso.
Ntshô ya mašwi ya dikgomo tsa mašwi e ikaega ka boleng jwa semadi jwa tsona le mabaka a tikologo jaaka boleng jwa sefepi sa tsona - se se nang le seabe se se golo go gaisa. Ntshô ya mašwi tsatsi le tsatsi ya dikgomo e sala morago phethene e e itshupileng. Morago ga go tsala, ntshô ya mašwi e a oketsega, mme e fitlhelela setlhoa mo dibekeng di le thataro goya go robedi morago ga go tsala. Morago ga setlhoa, seêlô sa ntshô-mašwi se se kwa godimo se a tsholwa mme morago ga fao se ya tlase ka iketlo le legato la ntshô-mašwi le le tlang kgotsa malatsi morago ga go tsala.
Phokotsego mo ntshông ya mašwi ya tsatsi le tsatsi morago ga setlhoa ke sesupo sa botalala jwa tlhagiso ya mašwi. Botalala mo tlhagisong ya mašwi bo tlhaloswa jaaka kamano-magareng, sekai: tlhagiso ya mašwi mo letsatsing la bo 240 (15 liters) fa go bapiswa le tlhagiso ya mašwi mo letsatsing la bo 60 (20 liters) - ka sekai 15 liter/30 liter = 30% kgotsa 20 liter/30 liter = 67%. Fa kamano-magareng e ntse e ya kwa godimo (sekai, 67%), botalala jwa tlhagiso ya mašwi bo nna botoka.
Phokotsego mo tlhagisong ya mašwi e angwa ke lenaane la phepô ya kgomo le boleng jwa semadi jwa yona. Seêlô sa mašwi a a tlhagisitsweng mo pakeng ya ntshô-mašwi ke seabe se se kopaneng sa setlhoa sa ntshô-mašwi sa yona le botalala jwa tlhagiso ya mašwi morago ga setlhoa. Botshelo jwa tlhagiso (malatsi otlhe a mašwi) jwa dikgomo bo sweetsa lotseno lo di tlileng go le tsenya mo botshelong jwa tsona. Seelo sa mašwi a kgomo e a tlhagisang morago ga go tsala lwantlha se neela sesupo se se siameng sa gore ke mašwi a ma kanakang a e tlileng go kgona go a tlhagisa mo botshelong jwa yona. Ka jalo seno e ka nna tshupo e e siameng pele o tsaya tshweetso ya go reka kgomo.
Morago ga go tsala, dikgomo gantsi di na le mašwi sebaka sa malatsi a ka nna 300, morago ga fao di a omelela go baakanyetsa ntshô-mašwi e e latelang. Fa go le thata go dira gore dikgomo di duse, di ka tswa di le mo pakeng ya mašwi e e fetang malatsi ale 300; fela, di tshwanetse go omeletswa bonnye malatsi ale 50-60 pele ga letlha le le solefetsweng la tsalô e e latelang.

Translated by Nchema Rapoo