Mebaraka ya Motsadisi

© Chris Daly

O tshwanetse go akanya e le tota fa o batla go tswelela pele jaaka motsadisi wa dikgogo, ka gonne mmaraka wa kgwebo o tshwerwe ke dikgwebo tse di setseng di itsetsepetse. Mick Bosch wa Boschveld Chickens o tlhalosa fa gona le dikgwetlho di le pedi fa o batla go dira mo mmarakeng ono: Santlha ke gore go tota go sa kgonege gore motho yo mo ša a gaisane le dikgwebo tse di setseng di itlhomile mo mmarakeng; sabobedi ke gore kgwebo ya thuonong e tlhagisa sentle fela ka fa tlase ga maemo a a laolwang ka melao e e gagametseng, a a tlhwatlhwa godimo go ka simololwa – akanya dimilione tsa diranta.

Mmaraka O O Sa Laolweng

©Chris Daly
Kakanyo e e botoka ke go lepa mmaraka wa letsopa la selegae kgotsa la mofuta-pedi, jaaka Boschveld, Australorp, Koekoek le Island Red. Matsopa ano a ka se golele ka bonako jaaka a kgwebisano, mme gape a ka fitlhelela nako ya go beela thari le go beela mae a le mmalwa, fela ga a tshabelelwe ke malwetse mme a kgona go phela ka fa tlase ga maemo a a magwata go phala bontsalaa’ bona ba kgwebisano – le fa e ka tlogelwa go tsamaya ka kgololosego jaaka dikgogo tsa mo motseng e sa fiwe sepe.

Dikgogo tseno, go ya ka Bosch, di batlwa thata jaaka dikgogo tsa free-range, le mo ntshô-tlhagisong ya ya dikgogo tsa selegae le mekgwa-tiriso e mennye ya kwa magaeng. Ka nako ya go kwala fa, o ne a sokola go itemagana le tlhokagalo ya mmaraka wa Afrika, ka jalo gona gape le kgonagalo e e siameng ya go romela dikgogo tseno kwa ntle ga naga.

Bosch o gakolotse barui gore ba lekeletse mmaraka pele, mme ba simolole ka bonnye, ka dikgogo di ka nna 500, mme o godise kgwebo fa tlhokagalo e ntse e gola. Go simolola kgwebo ka bogolo, go ka baka gore morui a sale ka ‘dikgogo tse di sa batlegeng’. Dikokwana di ka rekisetswa batlhagisi ba di-broiler fa di na le letsatsi le le lengwe kgotsa boleng jwa tlaleletso bo ka tsenngwa mo dikgogong ka go di godisa go fitlha di le mo nakong ya go beela, e ka nna felo gongwe fa di na le dibeke di le mo magareng ga 18 le 21, go ya ka gore ke letsopa lefe.

Tsenyo-Boleng

©Chris Daly
Dikgogo le dikokwana tsa tsadiso di tla diragatsa bontle fa di bona phepo e e totaneng le go tokafatsa tiragatso ya tsona, fela di tla dira sentle le fa di ka tlogelwa go itopatopela ka botsona. Fela dikgogo tse di tlogelwang go itopatopela ka botsona le go itsamaela kwa di ratang ntle le magora, di tshabelelwa ke malwetse, dikgobalo le ditsumi ga go bapiswa ke dikgogo tse di tlhagiswang mo dithulaganyong tse di tseneletseng.

Boleng bo ka tsenngwa mo dikokwaneng tse di nang le letsatsi ka go di enta kgatlhanong le Bronchitis le Bolwetse jwa Newcastle pele di ka rekiswa. Dibeela di tshwanetse go entwa kgatlhanong le Bursal Disease (Gumboro) le Coryza pele di ka rekiswa. Go rebolela mmaraka ka dikokwana tse di tiileng di itekanetse tse di entilweng kgatlhanong le malwetse a magolo, go tlile go direla kgwebo ya gago serodumo se se siameng mme go bake dithekiso tsa poeletso le bareki ba ba ša, ditebogo go ditlamorago tsa thekiso ya “lefoko la molomo”.

Gopola go laola tlhopho ya gago ya mokoko o o tlileng go diriswa mo dikgogong ka kelotlhoko go thibela tsadisogare, e fa nako e ntse e tsamaya e tlileng go nna le ditlamorago tse di sa siamang mo ntshô-tlhagisong, tsadisanong le go baka popego e e sa siamang.