Matsetse

© Chris Daly

Fela jaaka dikatse le dinja, dikgogo le tsone di ka tlhaselwa ke matsetse.

Di bonala jang?

Ditshenekegi tse dia loma mme o ka dibona ka mebala e e farologaneng. E ka nna tshibidu, ntsho kgotsa borokwa, go lealwa ke mofuta wa letsopa(species) la yone. Ya mogolo e ka nna 1,5mm go fitlha go 4mm ka boleele, e ka nna sephaphathi e be e nna le maoto aa kwa morago aa agegileng mme a le mantsho. E namagadi e ka beela mae a ka nna 100 ka letsatsi. E ka beela mae a mogo motswa setlhabelo kgotsa mo diphatlaneng tsa matlapa gaufi le batswa setlhabelo.
Larvae ya matsetse e ka tsaya sebaka sa malatsi a mabedi fela go thuba mo leeng. Di tla fepa ka mantle a matsetse a bagolo le dilo tse dingwe tse ka jegang (organic material). Larvae e na le ditlhong ka jalo e tla nna e iphitlhile mo diphatlhaneng kgotsa mo sentlhageng. Go ga tsaya sebaka sa malatsi a le 200 gore larvae e gole, mme se se tla laelwa ke maemo a loapi.
Larvae e e goddileng e ka nna 6mm ka boleele. E tla iphuthela ka cocoon, mme kwa morago ga fao e tla senoga e setse e le pupae. Pupae eo e tsa tsaya malatsi a supa go ya go ale 21 go fetsa go gola. Life cycle e yotlhe e ka tsaya sebaka sa malatsi a le 18 kgotsa dikgwedi tse di mmalwa go felella.
Stick tight flea, e e itsegeng ka leina la stickfast flea, gantsi di ka fitlhelwa mo dikgogong. Ga di kgetholle gore di bona madi kwa kae ka gore di ka itshwarelela mo dintjeng, dikatse, batho le diphologolo tse dingwe. Ya mosadi e ka ikepella ka fa tlase ga letlalo la motswa setlhabelo sa yone. E ka ikepela gore o feleletse o bona lerago a yone le tlhageletse kwa godimo ga letlalo. Go thata go ka e ntsha. Le ga e ka swa, mme gantsi batho ba ithaya bare ke kgofa. Di loma botlhoko mme ntho ya teng e ka ruruga ya tsenwa ke malwetse amangwe. Matsetse a bonala bonolo ka leitlho. A rata go itshwarelela mo kamong(comb) mme di rata go nna gaufi le matlho a dikgogo.

Matshwao a Tlaselo

Matshwao a o tla a bonang ga dikgogo di tlhasetswe ke ga o tla e bona e sa fetse go ingwaya le go roroma. E tla nna le ditsubaba tse dintsho go dikaganya matlho a yone. Kgogo e ka ota le mafofa a yone a ka tlhobega. Comb le wattle ya yone e ka bonala e le anaemic.

Translated by Ikalafeng Maedi